Setshwantsho sa motsikinyego sa baithuti ba kwa sekolong se segolwane sa Kebinelang ba iphanya ka thobalano se makaditse batho  


Ka OBAKENG MAJE

6 Ferikgong 2025- Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima le tlhalositse fa le setse le emetse pegelo e tletseng go tswa go mogokgo wa sekolo se segolwane sa Kebinelang kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung. Se setla morago ga setshwantsho sa motsikinyego se se tletse-tletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso mo go bonagalang baithuti ba mophato wa marematlou ba iphanya ka thobalano go nngwe ya diphaphosi-borutelo.

Go begwa fa setshwantsho seo sa motsikinyego se gatisitswe ke bone baithuti bao ba le babedi ka nako ya dikampa tsa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa marematlou ka Ngwanatsele 2024. Go begwa fa lekgarebe le lekawana, ba ile ba lelekiwa kwa dikampeng tseo morago ga tiragalo e.  

Sebueledi sa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are dikampa tsa baithuti ba marematlou di rulaganyetswa baithuti ba marematlou ba dingwaga dile 18 le go ya kwa godimo. Molokwane are diphaphosi tsa tlaleletso di diretswe baithuti ba mephato e mengwe.   

“Go le gantsi, ke maikarabelo a batsadi ga mmogo le barutabana go tlhokomela baithuti le go ela tlhoko gore ba itshwara sentle. Fela, melao le melawana ya go tsamaisa sekolo (Code of Conduct) ga e tlhoke tlhaloso.

“E shupa fa moithuti o robang molao, a tla sekegwa nakwana kwa dikampeng go fitlhelela a tsenela lekgotlha-kgalemo. Fela mo ntlheng e, baithuti ba ene ele ba marematlou. Jaanong, ga nkitla ba boela sekolong,” Molokwane wa tlhalosa.

Are ka ga jalo, ga gona kgato epe e tla tsewang kgatlhanong le bone. Molokwane are fela mogokgo ga mmogo le lekgotlha-tsamaiso la sekolo, ba solofetswe go neelana ka pegelo e tletseng ya gore go diragetseng ka letsatsi leo, le gore ba tlile go dira jang gore tiragalo e, e se tlhole e direga.

Kgabagare, bontsi jwa bomme ba ba boneng setshwantsho seo sa motsikinyego fa baithuti ba, bane ba iphanya ka thobalano, ba akgotse mosimanyana o. Ba tlhalositse fa a le dithupa dintle, fela a sa itse go di dirisa.

Mongwe wa makgarebe ba ba boneng setshwantsho seo sa motsikinyego, mme a sa batle leina la gagwe le itsiwe wa tlhalosa.

“Nnyaa, tota ke nnete mosimanyana o, o dithupa di dintle fela nna o mmakaditse a tsaya metsotswana (seconds) e kwa tlase ga tlhano pele ga tsholola masole. Fela ene fa a ka tsholetsa dikausu, a ka diragatsa bontle.

“Nna ke bone ngwana wa mosetsanyana a mo gora ekare noga ya tlhware e jele pudi, jaanong fa mosinyana a tshwanetse a iteboge, ebile o setse a tsholola masole.”

Mme mongwe wa motse teng kwa motseng wa Manthe are, o tshogile tota go bona ngwana a lekana le mosimanyana o, a tsamaya ka kgolokwe ya nama e kana.

“Nnyaa, a itse megala e ya letheka ya nyena e maaka. Ga gona gore ngwana a lekana le o, a be a tsamaya ka kgolokwe ya nama e kana-kana. Tota fa ele gore ke nnete, mosimanyana o, ke kotokwe o goletse mo teng.

“Itjhooo, bana ba matsatsi a ga ba bosisi. Lekgarebe le le neng le tsenngwa kgolokwe ya nama, le ne le bontsha fa le sa utlwe sepe, ebile a e tsaya sadi fela.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.