
Ka OBAKENG MAJE
27 Sedimonthole 2024- Setopo sa monna o sa itsiweng se bonwe kwa thoko ga tsela-kgolo ya R503 mo mosimeng magareng ga Amalia le Schweizer Reneke. Go begwa fa setopo se, sene se na le dintho tsa go tlhabiwa mo tlhogong.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, setopo se, se bonwe ke bana ba baneng ba feta kwa mmileng o. Myburgh are moswi a ka tswa a na le dingwaga tse di magareng ga 24 le 26.
“Sepodisi se belaela fa tiragalo e, e diragetse mo bosigong jwa letsatsi la Keresemose kgotsa fa moso wa letsatsi la di 26 one o apoga.
“Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang ana le tshedimosetso ka tiragalo e, go ka ikgolaganya le mobatlisisi wa kgetsi eleng Sarasanta Isaac Mogapi mo dinomorong tsa 0824161283,” Myburgh wa tlhalosa.
Are ga gona ope yo a tshwerweng go fitlha ga jaana.