Melaetsa ya matshidiso e tsweletse go goroga morago ga go tlhokafala ga Ompabaletse Kalamore


Ka OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2024- Melaetsa ya matshidiso e tsweletse go goroga go lelapa la ga Kalamore kwa Pudimoe, gaufi le Taung. Se se tla morago ga go tlhokafala ga ngwana wa bone, Ompabaletse Kalamore (28), yo a ileng a amega mo kotsi ya sejanaga.

Go begwa fa Kalamore a ne a le mo sejanageng sa sepodisi, ga mmogo le bangwe ba badiri fa ba ne ba amega mo kotsi ya sejanaga kwa tsela-kgolo ya R503 gaufi le Rooigrond kwa Mahikeng ka Labotlhano.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Amanda Funani, Kalamore one a le mo tseleng ya go thapiwa jaaka motlhakedi wa sepodisi, morago ga go tsenela diteko tsa boitekanelo kwa Potchefstroom. Funani are, Kalamore one a na le bangwe ba badiri go ya Mahikeng.  

“Re ka bega fa tekesi ya sepodisi ya modiro wa Toyota Quantum e e neng e labile kwa Mahikeng, e thulane le sejanaga sa poraevete sa Volkswagen Polo se seneng se lebile ntlheng ya Lichtenburg. Kalamore o ile a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo, fa Konstabole Lucas Sekhwela (32), a ne a tlhokafala moragonyana kwa bookelong jwa porofense jwa Mahikeng.

“Bapalami ba le bararo, ba ile ba bona dikgobalo tse di masisi, mme ba amogetswe kwa bookelong. Mokgweetsi wa sejanaga sa Volkswagen Polo, le ene o ile a amogelwa kwa bookelong. Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse,” Funani wa tlhalosa.  

Kgabagare, Mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena, o rometse melaetsa ya matshidiso go ba malapa a latlhegetsweng, mme o eleletsa ba ba boneng dikgobalo pholo ya ka bonako.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.