

Ka OBAKENG MAJE
20 Ngwanatsele 2024- Moitsanape mo puong ya Setswana, Tshepo Ponesho go tswa kwa setlamong se eseng sa puso sa Setswana Sa Rona Indigenous Institute (NGO), are ba tsweleditse dipatlisiso ka tsa Setswana le Batswana. Ponesho, yo oneng a bua kwa kopanong ya thankgololo ya buka ya Kgang Tsa Batlhaping kwa Depot Hall kwa Taung, o akgotse batsaya-karolo mo go kwaleng buka eo.
“Bakwadi ba buka e ba dipelo ditshetlha, mme ba tlhoka go akgolwa mo go se ba se dirang. Re tlile go thankgolola buka e, mme yone e bua ka merero yotlhe e amang merero ya Batswana. Maitlhomo ke go aga ngwao le go atolosa segarona se se tlhokang go kopanngwa ke bokgoni mo puong ya Setswana.
“Ba bantsi ba dumela fa puo ya Setswana e sa lekana ka bo yone. Fela, go tlhokega gore go upululwe mareo a mantsha ele go itepatepanya le lefatshe. Re ikuela go puso go ka filhelela seo le go ipela ka puo ya Setswana go ralala matsholo-kgaso le kwa dikolong,” Ponesho Wa tlhalosa.
Are go tlhokega dipatlisiso tse di tseneletseng, mme go nne le bodira-mmogo go ka fitlhelela seo. Ponesho are Kgang tsa Tlhaping le morero ya one ke go gopotsa bakwadi gore ga ba kwala, ba gopole gore gona le dikgang tsa Batlhaping go raralala toropo ya Taung.
“Buka e, e ka thusa go go ruta ka se o batlang gore lefatshe le itse Taung ka sone. Jaaka bojanala, ngwao ga mmogo le tsa botaki. Senampatshwana sa morwadia kgosi re se bona motsing bojale bo aloga. Mme seane se, se supa se se simolotsweng ke bakwadi, mme mebala ya sone ke e.
“Puo ya Setswana e boteng, mme gona le mareo a Setswana a ka emelanang le puo ya seyesemane. Puo ya Setswana e humile, tsatsi le letsatsi fa o tsoga wa kgakgamala,” Ponesho wa tlhalosa.
Are lefoko lengwe le lengwe le na le modumo wa lone. Ponesho are diane kgotsa dipolelo, ga nke di tlhoka tharabololo mo Setswaneng.
“Ga nkake wa tlhaloganya puo ya Setswana fa o sa tlhaloganye mokgwa wa tsamaiso ya teng. Jaanong, buka e, e kwadilwe ke bakwadi ba le 11, mme yone ena le poko le kgutswe.
“Tiro ya rona ke go godisa dibuka tse, gore fa ona le mathata re itse gore se se tla go alahang ke eng, ebile o tla se bona mo bukeng efeng. Gwa direga gore mongwe le mongwe a tlhalose se a se badileng ka mokgwa o a se tlhaloganyang ka teng,” Ponesho wa tlhalosa.
Kgosi Sam Mankuroane le ene o ile a akgola bakwadi ba buka e. Mankuroane are o leboga bakwadi go ba tlisetsa buka e.
“Jaanong, ke nnile le letlhogonolo la go kopana le bangwe ba bakwadi, jaaka moswi Ngaka Gaopalelwe Motebe. Ke nnete ene e le ngaka ya batho ele ruri. Motebe ene ele segatlhamela masisi.
“Jaanong ka re a dibuka tse di tshwanang le tse, di isiwe kwa dikolong, mme bana ba ithute Setswana,” Mankuroane wa tlhalosa.
Ke itumetse thata go ka buisa le go kopana le bokwadi jo gotswa Taung News.
E bile ke ile go ikopantshana le setheo sa Puo ya Setswana go ka dirisana le sona.Go nkitsise ka mananeo a bona gore le nna ke bone gore nka thousand Jang mo go atoloseng puo ya Batswana.
Nka rata go reka buka eo.
Weno
Dada Segwe-Vryburg.
LikeLike