
Ka OBAKENG MAJE
13 Ngwanatsele 2024- Batho ba babedi ba ba ileng ba tshwarwa kwa Lehatlheng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung ka di 8 Ngwanatsele 2024, ba golotswe ka beile ya mahala. Go begwa fa molatofadiwa, Keneilwe Kgorotlhe-Mothupi (26) a ile a tshwarwa ka diritibatsi di tshwana le mandrax, Crystal Meth, Nyaope, ga mmogo le matokwane tsa boleng jwa R21 200.
Go begwa fa sepodisi se ile sa thopa madi a seatleng a lekanyediwang go R7000, a go dumelwang fa a ka tswa ele ditlamorago tsa thekiso e ya diritibatsi.

Sebueledi sa sepodisi sa Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are sepodisi se ile sa fetela kwa ntlung enngwe teng kwa Lehatlheng le go e phuruphutsa, mme se ile sa tshwara monna, Kula Gasealahwe 51, morago ga go fitlhela diritibatsi tsa mandrax tsa boleng jwa R2500 le dithunya, ga mmogo le matlhatlhela.
“Sepodisi se ile sa phuruphutsha ntlo eo, mme sa fitlhela dithunya tse pedi tsa 9mm le di magazines, magazine ole mongwe wa sethunya sa R5, dikolo di le 6 tsa sethunya sa R5, dikolo di 31 tsa sethunya sa 9mm, ga mmogo le dikolo di le tharo tsa sethunya sa 7.5mm. Sepodisi gape se fitlheletse di radio di le tharo tsa puisano.
“Balatofadiwa ba tlhageletse ka boripana kwa kgotlha-tshekelo ya Taung ka di 11 Ngwanatsele 2024,” Mokgwabone.
Go begwa fa Kgotlha-tshekelo e neetse Kgorotlhe-Mothupi yo go begwang fa ele mosadi wa motshwarwa mongwe, Thapelo “Bendo” Mothupi, yo o atlholetsweng ngwaga le le kgwedi kwa ntlolefitshwana, beile ya mahala, ga mmogo le Gasealahwe.
Go begwa fa se se tlile morago ga gore Mothupi a letsetse sepodisi, mme a tlhalosa fa diritibatsi le dithunya tse di bonweng, ele tsa gagwe. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 10 Sedimonthole 2024.
Kgabagare, Mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena, o akgotse sepodisi morago ga go tshwarwa ga balatofadiwa.