
Ka OBAKENG MAJE
22 Diphalane 2024- Setlamo sa Ultimate Dynamic se se tsenyang dipeipi tsa metsi magareng ga motse wa Manthe le Makwating, mono Taung, se tsibosa ba dirisi ba tsela ka kgoreletsego e tlileng go nnang teng mo letsatsing la kamoso (23 Diphalane 2024).
Modiri wa tsa Pholo le Tshireletsego (Health and Safety) kwa Ultimate Dynamic, Peter Bareng, are ba rata go itsise baagi, ga mmogo le badirisi ba tsela ka letsholo le le tla thankgololwang la go thujwa ga matlapa magareng ga motse wa Manthe le Makwating.
“Tiragalo e, ke ya letsatsi la kamoso (23 Diphalane 2024). Letsholo le, le tlile go tsaya ura mme re ikuela go badirisi ba tsela go nna kelo-tlhoko. Letsholo le, le thankgololwa jaana ele go letla konteraka ya Utlimate Dynamic e e tsenyana dipeipi tsa metsi, go ka thuba matlapa gore e kgone go epa mosele wa go tsenya dipeipi sentle.
“Re tlile go leka ka bojotlhe gore dikgato tse di maleba tsa tshireletsego di tsenngwe tirisong. Gape, re tla netefatsa fa badirisi ba tsela le bone ba sireletsegile, mme rena le ditlabakelo tsotlhe tse di maleba, ga mmogo le tetla ya go ka thuba matlapa ao go ya ka semolao,” Bareng wa tlhalosa.
Are tshireletsego ya baagi go ralala metse e e tla amegang e tseetswe kwa setlhoeng, mme go tla tsenngwa tirisong melao ya tshireletsego jaaka Seismographs go lekola thoromo ya lefatshe fa go thubiwa matlapa. Bareng are go tla netefatswa fa go diriwa seo go ya ka tshireletsego le sekgala se se rileng.
“Kgaolo ya tshireletsego (safety zone) e tla dirwa go potologa lefelo le go thubiwang matlapa mo go lone, mme baitsaanape ba ba rupeletsweng go utlwala ba tla be ba le teng go ele tlhoko seemo mo tulong eo.
“Baagi ga mmogo le dikgwebo tse di gaufi le lefelo le, ba tla itsisiwe ka nako pele ga go thubiwa matlapa ao. Go ka nna ga itemogelwa modumo o sa tlwaelesegang, ga mmogo le thoromo ya lefatshe e namatshang mo karolong e go thubiwang matlapa mo go yone,” Bareng wa tlhalosa.
Are tsela e tla tswalwa nakwana, mme bakgweetsi ba tla lemosiwa gore ba lebe kae go ka efoga se. Bareng are ba kopa maitshwarelo go botlhe ba ba tla amiwang ke tiragalo e, mme botlhe ba ba nang le dipotso ba ka letsetsa dinomoro tsa 0765157782 go ka tlhalosetswa botokwa.
Kgabagare, sebueledi sa mokgatlho wa ditekesi wa Taung Taxi Association, Tshidi Letlhaku are: “Re ikuela go maloko a rona a ditekesi go tsaya tsiboso e tsia. Seo se tla ba thusa gore ba ba rwalelang baithuti go ya kwa dikolong tse di farologaneng, thata jang ba marematlou ba efoge tiego eo.
“Ka jalo, re ba rotloetsa go tsaya tsela ya Taung Dam, gore ba se itemogele tiego epe.”






