Monna o bolailwe le go fisiwa kwa Manokwane 


Ka OBAKENG MAJE

6 Diphalane 2024- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao. Se se tla morago ga gore monna wa kwa nageng ya Lesotho, a bolawe le go fisiwa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung mo letsatsing la gompieno. 

Go begwa fa baagi ba kwa Manokwane, ba ile ba leba kwa mogwafatshe wa monna o, mme ba fitlha ba mo teketa pele ga ba mo tsenya letaere le le tukang mo thamong. Go begwa fa baagi bano, ba ne ba latofatsa monna o ka go thuba kwa ntlung nngwe, mme a betelela mosadi. 

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are: “Sepodisi se butse kgetsi ya polao, mme ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.” 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.