Dipholo tsa sethunya mo kgetsing ya maiteko a polao le polao kgatlhanong le Tshwaro Mangwegape di gorogile


Setshwantsho: Mongwebi o itsegeng le mongwa The Meat Brother’s Pub wa maloba, Tshwaro Mangwegape

Ka OBAKENG MAJE

30 Lwetse 2024- Kgetsi ya maiteko a polao le polao kgatlhanong le mogwebi o itsegeng, gape ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, e buseditswe morago go fitlha ka di 10 Diphalane 2024. Seno se tla morago ga gore lekgotlha le itsise fa jaanong dipholo tsa tlhobolo (ballistic test) di gorogile.

Lekgotlha le tlhalositse fa le tlile go ntsha letlha la gore kgetsi e fetisetswa leng kwa kgotlha-tshekelo ya sedika. Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dibego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhankedi ba tshireletso, ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.  

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o tla boela kwa kgotlha-tshekelo ka di 10 Diphalane 2024.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.