
Ka OBAKENG MAJE
23 Lwetse 2024- Mokgatlho wa Re Aga Taung Civic Organisation mono Taung, o ikuela go puso go ka busetsa katlholo-loso mo tirisong. Mokgatlho o, o tlhagisitse seno morago ga dipego tsa bosinyi jo bo etegelang mono Taung.
Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao morago ga gore setopo sa monna wa kwa motseng wa Kolong, o neng a begwa a timetse, Collen Modiriemang Seipone (35), se bonwe fa thoko ga tsela kwa nageng magareng ga motse wa Graspan le wa Magogong mono Taung ka Laboraro bosigo.
Seipone o ile a nyelela ka kgwedi ya Seetebosigo 2024. Jaanong, setopo sa gagwe se seneng sena le dintho mo tlhogong, se ile sa bonwa ke bafeti ka tsela.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, setopo sa ga Seipone sene se na le dintho mo tlhogong, fela ga go itsiwe sediriswa se se dirisitsweng.
“Re tla netefatsa gore setopo sa ga Seipone se se neng se na le dintho mo tlhogong, se bonwe. Fela go fitlha ga jaana, ga nkitla re tlhalosa gore se diriswa se se dirisitsweng mo tlhogong ya gagwe ke eng, ga mmogo le tlholo ya loso la gagwe.
“Fela, sepodisi se butse kgetsi ya polao, mme ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Diteko tsa morago ga loso, ke tsone tse di tla tlhotlhomisang gore moswi a ka tswa a bolailwe ka eng,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa Re Aga Taung Civic Organisation, Modisaotsile Lebitsi are: “Kgang ya bosinyi ke tlhoba-boroko. Ga go fete beke mo Taung go sena kgetsi ya petelelo, go thopa ka dikgoka, dipolao, ga mmogo le dikgetsi tse dingwe tsa bosenyi jo bo farologaneng.
“Re nagana gore puso e busetse katlholo-loso, gongwe bosenyi jo bo kana-kana bo tla bowa ka morago. Re setse re tshaba le go tsamaya mo mebileng ya rona ya Taung, gonne ga gwa babalesega.”
Lebitse are go ka tswa gona le segongwana se se dirang mo Taung, mme ba ikuela go sepodisi gore se ele tlhoko kgang eo. Are lefelo la Taung le latlhegetswe ke taolo kgatlhanong le bosinyi.
“Go diragala dilo di le dintsi thata mo Taung, mme ekete sepodisi se itshetse moriti o tsididi. Batho ba thopiwa ka dikgoka, mme pheleletsong ya dilo tsotlhe, ba feleletsa ba bolawa.
“Fela, ke bona e kare sepodisi ga se dire sepe ka mokgwa o dirisiwang wa go thopa batho ka dikgoka, mme ba feleletsa ba bolawa. Ga se kgetsi ya ntlha e, mme fa re sa ele tlhoko, re tlile go iphitlhela rele mo mosing jaaka baagi ba Taung.”