Banna ba ba tlhometseng go utlwala ba tshotse madi mo sejanageng sa Fidelity mono Taung


Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgothosa o tlhometse. Se se tla morago ga gore banna bangwe ba ba sa itsiweng ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba thukuthe sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity mo letsatsing la maabane.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse fela fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite. Go ya ka ba ba boneng ka matlho, banna ba baneng ba tshwere dithunya, ba ile ba kgorogela mongwe wa batlhokomedi ba setlamo sa Fidelity le go mo tseela madi a neng a leka go a tsenya mo sejanageng.

Go ile ga nna le thuntsano ma gareng ga batlhokomedi ba, le bo rra-sethunya ba. Go begwa fa motlhokomedi wa setlamo sa Fidelity a ile a thuntsiwa, mme one a rwalelwa kwa bookelong go bona kalafi.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone o tlhalositse fa a sentse a kokwanya dintlha, mme o tla boela go lekwalo-dikgang la Taung DailyNews ka dintlha tse di feletseng.

taungdailynews@gmail.com

   

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.