Motaki o a itsegeng, Kagiso Mogokotleng o latofadiwa ka petelelo


Setshwantsho: Motaki o a itsegeng, Kagiso Clifford Mogokotleng/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

3 Lwetse 2024- Motaki o a itsegeng wa kwa motseng wa Veertien gaufi le Taung, o reboletswe beile ya R500 ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane. Seno se tla morago ga gore Clifford Kagiso Mogokotleng (42), a tshwarwe mabapi le ditatofatso tsa petelelo.

Go begwa fa ka di 7 Diphalane 2023, Mogokotleng a ile a betelela lekgarebe la dingwaga di le 17 kwa gagabo. Go ya ka tshedimosetso ya kwa kgotlha-tshekelo, lekgarebe le, le dula kwa Kimberly kwa profenseng ya Northern Cape, mme ba ne ba tlile phitlhong ya mongwe wa losika mono Taung, ga mmogo le mmagwe ka motsi wa tiragalo.

Go begwa fa mmagwe motswa-setlhabelo, a ne a na le dikamano tsa marato le mogoloe Mogokotleng. Go ya ka motaki o, ga ana dikgetsi tse dingwe tse di fetileng, ga mmogo le lekwalo la mosepele (passport).

Bosekisi jwa National Prosecuting Authority (NPA), ga bowa ema kgatlhanong le kopo eno ya beile ya molatofadiwa. Bosekisi bo tlhalositse fa bo sa belaele fa Mogokotleng a ka itshona-tshona nko mo di patlisisong tsa kgetsi e, gape motswa-setlhabelo o dula kwa Kimberly.  

Bosekisi bo tlhalosistse gape fa paki enngwe mo kgetsing e, e dula kwa porofenseng ya Limpopo. Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Mogokotleng, e buseditswe morago go fitlha ka di 3 Diphalane 2024, mme dipatlisiso di tsweletse.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.