Lekgarebe le tlhabilwe ka thipa go fitlha le tlhokafala kwa Lokgabeng 


Ka OBAKENG MAJE 

Lekgarebe la dingwaga di le 21 la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung le bolailwe. Go begwa fa Boitshepo Medichane a fitlhetswe a rapaletse mo bophadiphading jwa madi morago ga go tlhabiwa ka thipa. 

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, tiragalo e key a fa masigo a Mosupologo asa. 

“Go begwa fa moswi a tlhabilwe le go bolawa ke molekane wa gagwe. Go fitlha ga jaana, sepodisi ga se itse sebakwa sa polao, mme dipatlisiso di tsweletse. Sepodisi sa Taung sene sa letsetswa ke mongwe wa baagi yo oneng a ba begela ka tiragalo e. 

“Sepodisi se ile sa nanogela kwa lifelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela lekgarebe leo le setse le tlhokafetse. Se re se tlhaloganyang ke gore molatofadiwa o ile a tsena ka lenga la seloko, mme ga ese a tshwarwe go fitlha ga jaana,” Van Rooyen wa tlhalosa. 

Kgabagare, lekwalo-dikgang la Taung DailyNews le tlhaloganya fa molatofadiwa a ile a siela kwa lelapeng la ga rragwe, fela isitswe kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung jaaka re bua jaana. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.