Bagodi ba keteka letsatsi la Mandela kwa Lokgabeng 


Ka OBAKENG MAJE 

Setheo sa Lokgabeng Disability Centre kwa motseng wa Lokgabeng gaufi le Taung, se kaile fa se itumeletse go neelwa ditirelo tse difarologaneng ke Lefapha la Boitekanelo mono Bokone Bophirima. Badiri ba lefapha go tswa kwa North West Department of Health (Taung Sub-District), ba ne ba etetse setheo se ka maikaelelo a go keteka letsatsi la ga moswi Dr Nelson Mandela. 

Motsamaisi kwa Lokgabeng Disability Centre, Agnes Mokgobo are ditirelo tse di farologaneng, di tlile go thusa thata bagodi ba ba ba tlhokometseng gore ba nne le boitekanelo jo bo edileng. Mokgobo are badiri ba lefapha, ba ne ba tlhatlhoba bagolo malwetsi a farologaneng le go ba neela dijo le tse di aparwang. 

“Ke itumetse thata fa lefapha le bone go le mosola go tla go keteka letsatsi la Mandela le rona. Ba re neetse dijo tse difarologaneng, mme re itumetse thata gonne ba re neetse le diaparo tsa mo teng tsa bagolo jaaka di nappies. 

“Reitumetse thata gonne bangwe ba dikereke le bone ba tlhola ba tlisa diaparo. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o nang le gone jaaka diaparo, dikobo le dijo gore neela tsone. Ditheo di tshwana le Kopano Butchery, Cosmetic Shop le dikereke tse di farologaneng, ba tlhola ba re gopola,” Mokgobo wa tlhalosa. 

Mokgobo are kopano ke matla, gonne e godisa setheo se. Are bangwe ba bagodi ga bana malapa a ba tswang kwa go one, jaanaong ba tlhokomelwa ka dithuso tse di farologananeng. 

Kgabagare, motsamaisi wa nakwana wa Lefapha la Boitekanelo mono Taung, Modiegi Benade are kgwedi e jaaka e itsiwe, ke kgwedi ya go keteka botshelo jwa mogaka, moswi Dr Nelson Mandela. Benade are ba ile ba etela Lokgabeng Disability Centre go tla go ba bontsha lerato. 

“Jaaka lefapha, re dula re etela setheo se le go rebola ditirelo tse di farologaneng. Setheo se, se dirisana gape le kliniki ya selegae ya Mokgareng. Ba isa batlhokomelwa ba bone koo go ka bona dithuso tse di farologaneng tsa pholo. Bontsi jwa bone ke bagodi, mme bana le go itemogela malwetsi a farologaneng jaaka kgatelelo ya madi, botlhoko jwa shwekere, ga mmogo le malwetsi a mangwe.   

“Maikaelelo a rona ke gore re tlhole ga mmogo le bone go tla go keteka letsatsi le la Mandela. Beke e fetileng, kliniki ya rona e tsamaisiwang (mobile clinic), ene ele teng fa go tla go tlhatlhoba bagodi ba rona,” Benade wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.