Batlhankela ba tshireletso balaotofadiwa ka go teketa molwetsi kwa bookelong jwa Taung 


Ka OBAKENG MAJE 

Lelapa la molweetsi, Oduetse Desemela (42) go tswa mono Taung, le tlhalositse fa le setse le gamaregile. Se se setla morago ga magatwe a gore mogolowe wa bone o teketilwe ke batlhankela ba tshireletso kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, le go motlogela ka letsogo le le sa tlholeng le dira. 

Go begwa fa Oduetse o anang le bolwetsi jwa gowa, ga mmog le go latlhegelwa ke tlhaloganyo nako dingwe, a ne a amogelwa kwa bookelo. Fela go ya ka monnawe, Khanyiso Desemela, mogolowe one a teketiwa ke batlhankela ba tshireletso morago ga go latofadiwa ka go gogela motsoko kwa matlo-boithusetso a bookelo. 

Desemela are, ga jaana letsogo la ga mogolowe ga le tlhole le dira, fela bookelo ga bo batle go rwala maikarabelo. Are bookelo bo tlhalositse fa bo isitse Oduetse kwa x-ray.

ā€œJaanong, ba re e shupile fa ane a tlhaselwa ke bolwetsi jwa go swa mohama (stroke). Fela se se makatsang ke gore re boditse ngaka gore ka a ne are o mo ntsha (discharged) kwa bookelo, a one a mo ntsha fela a ntse a tshwerwe ke bolwetsi jwa go swa mohama na?

ā€œGape ke ile ka botsa gore ke eng leoto la gagwe le lone le tshokame, fela ba tlhalositse fa go sena sepe. Ke ba boditse gore ke eng ele gone ba buang ka bolwetsi jwa go swa mohama fa ke ba botsa ka go teketiwa ga gagwe ke batlhankela ba tshireletso,ā€ Desemela wa tlhalosa. 

Desemela are ngaka ga mmogo le baoki ba tlhokile dikarabo. Are gape o ba boleletse gore aubuti wa gagwe ke motho o wang (epilepsy), mme ba mo teketile fa ba fetsa ba be ba mo tlogela. 

ā€œGo ya ka molwetsi o a neng a robetse mo thoko ga gagwe, batlhankela ba tshireletso ba ile ba teketa Oduetse, mme o ile a wa mogare ga bosigo mme ga bona thuso epe go tswa kwa baoki ba ba neng ba le mo tirong bosigo jo. Jaanong, ke nagana gore go tekitiwa ga gagwe ke gone go mo baketseng go swa mohama, gonne ene ke motho owang. 

ā€œJaanong, ba paletswe ke go nkaraba ba re ba tla bolotsa dipatlisiso. Ke ba kopile gore ba nneele ditshwantsho tse di tswang kwa x-ray gape ba ganne. Ga ba bue gore a mme letsogo le robegile kgotsa jang. Fela se ke se itseng ke gore, aubuti one a sa nna jaana fa ke ne ke mo tlisa mo bookelong,ā€ Desemelo wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mono Bokone Bophirima, Tebogo Lekgethwane are: ā€œLefapha la itse ka ditatofatso tsa gore molwetsi o teketilwe, mme re ile ra kopa pegelo go batlhakela ba tshireletso ba ba ganeditseng dipego tseo. Fela, lefapha le tla bolotsa dipatlisiso mo kganyeng e. 

ā€œGa gona batlhakela ba tshireletso ba bletleletsweng go teketa balwetsi. Ke tiragalo ya ntlha ya selebo se, fela dipatlisiso di tsweletse.ā€ 

taungdailynews@gmail.com

 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.