Babelaelwa ba kgothoso kwa Reivilo ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


 

Ka OBAKENG MAJE 

Banna ba le bane ba solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la Mosupulogo. Se se tla morago ga gore ba tshwarelwe kgothoso kwa motsesetoropong wa Reivilo. 

Go begwa fa banna ba, ba ne ba kgweetsa sejanaga sa modiro wa Audi A4 ka di nomoro-plata tsa kwa porofenseng ya Northern Cape, ba ne ba bona mong wa lebenkele wa kwa nageng ya China a kgabaganya tsela a tshwere polasetiki e ntsho, mme ba nagana gore e tsentse matsebe-tsebe a diranta. 

Fela, go begwa fa polasetiki eo, ene e tsentse digwapa. Go begwa fa banna ba, ba pelo tsa bone di nneng di le kontle ebile ba gopotse matsebe-tsebe a duranta, ba ne ba emisa sejanaga sa bone ka mabetwaepelo le go mo kgorogela. Go ya ka bo maratahelele, ene ya re malomagwe motswasetlhabelo go bona seo, ga a ka are kamoso.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani are: “Malomagwe motswasetlhabelo one a ntsha sethunya sa gagwe, mme a roka sejanaga sa balatofadiwa ka dikolo. Go begwa fa a ile a thuntsa le go bolaya o mongwe wa balatofadiwa wa dingwaga di le 30. 

“Banna ba le bane ba ba magareng ga dingwaga di le 28 le 34, ba ne ba lebotsa phokoje. Fela sepodisi sa kwa Reivilo, sene sa ba baya marowa. Sepodisi se ile sa tshwara banna ba le bararo, fa o mongwe a ne a inaya naga. Go begwa fa banna ba le babedi, ba ile ba amogelwa kwa bookelong jwa selegae morago ga go tswa dikgobalo, mme ba mo tlase ga tlhokomelo ya sepodisi.”

Funani are o mongwe wa ba belaelwa, o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo a le mongwe, fa ba ba kwa bookelong ba ka tlhagelela ntle le go iponatsa kwa kgotlhatshekelo (in absentia). Funani are sepodisi se sentse sele mo motlhaleng wa o mongwe wa babelaelwa o a ileng a tsena ka lenga la seloko. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.