Setopo sa mosadi se se sa aparang se bonwe se rapaletse mo mmileng


Setshwantsho: Setopo sa mosadi se se sa aparang se bonwe

Ka OBAKENG MAJE  

Sepodisi se kaile fa se butse kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga gore setopo sa mosadi se se sa aparang se bonwe kwa mmileng gaufi le borobasogo jwa Cooks Lake kwa motsesetoropong wa Danville kwa Mahikeng mo letsatsing la gompieno.

Go begwa fa setopo se, se bonwe ke mofeti ka tsela, mme one a itsise sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Ngaka Modiri Molema, Saresanta Sipho Taliwe are, ba belaela mosadi o, a le magareng ga dingwaga di le 28 le 35, mme ga itsiwe. Taliwe are ga nkitla ba phopholetsa gore sebakwa sa loso e ka tswa ele eng, fela go tla diriwa dipatlisiso.

“Go ile ga romelwa ba thuso ya potlako kwa lefelong la tiragalo, mme ba ile ba netefatsa fa mosadi o a tlhokafetse. Go begwa fa sefatlhego sa mosadi o, sene se fitlhilwe, mme one a na le ntho ya go segiwa mo godimo ga leitlho la gagwe la molema.   

“Re ikuela go mongwe le mongwe o nang le tshedimosetso mabapi le kgang e, go ka leletsa sepodisi. Mongwe le mongwe o nang le tshedimosetso, a ka letsetsa sepodisi sa Mahikeng mo nomorong ya (018)397 5013/14 kgotsa 08600 10111. Fa a sa batle go itsiwe, sepodisi se ka mo sireletsa,” Taliwe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.cm

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.