Monna o latofadiwang ka go kgoreletsa palo ya divoutu o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE 

Monna wa dingwaga di le 28, o solofetswe go tlhagelela ka borepana kwa kgotlhatshekelo ya Taung fa Seetebosigo a tlhola matsatsi a le 27, mono ngwaga. Seno se tla morago ga ma gatwe a gore, Keorapetse John Teele a itatlhele kwa seteisheneg sa go vouta kwa sekolong se se golwane sa St Paul’s ka Laboraro a sa memiwa. 

Go begwa fa Teele a ne dirisa dikgoka go kopana le mokapelo wa gagwe (38), morago ga gore ba nne le thefosano ya mafoko mo mosong wa letsatsi leo. Go begwa fa mokapelo wa ga Teele, ene ele motsamaise mogolo wa Independent Electoral Commission (IEC presiding officer) ka motlha wa tiragalo e. 

Go ya ka bo marata-helele, go begwa fa Teele yo o fitlhetseng fa gone go balwa divouto, a ne a tshwerwe sebetsa sengwe, mme maikaelelo a gagwe ene ele go ntsha mokapelo wa gagwe dikgobalo. 

Fela, sepodisi se ile sa tsereganya ka nako, mme sa laela Teele gore a ba tswele ka dikgoro, gonne go sa letlelelwa batho ba eseng badiri ba IEC, kgotsa baemedi ba makoko a sepolotiki (party agents).      

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sepodisi se butse kgetsi kgatlhanong le Teele, mme o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ka 27 Seetebosigo 2024.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.