Setopo sa monna se bonwe kwa Taung Dam


Ka KEDIBONE MOLAETSI

Setopo sa monna o mo magareng ga 20 le 30, se bonwe kwa Taung Dam mo letsatsing la maabane. Sebueledi sa mapodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, sepodisi se ile sa tsibosiwa ka setopo se se neng sa bonwa kwa Taung Dam, mme sa betsegela koo.

“Ke nnete sepodisi se ntshitse setopo sa monna o sa itsiweng kwa Taung Dam mo letsatsing la maabane. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe gore moswi ke mang.

“Rele sepodisi mono Bokone Bophorima, re ikuela go mongwe le mongwe o nang le tshedimosetso go ka ikgolaganya le mobatlisise mo kgetsi e, eleng Sarasanta Frank Morweng mo dinomoreng tsa gagwe tsa mogala taa 082 469 0293,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.