Molekgotlha wa ANC o latofadiwa ka go thula moagi ka sejanaga 


Ka OBAKENG MAJE 

Molekgotlha wa ANC kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Kealeboga Seboko, o latofadiwa ka go thula moagi mongwe ka sejanaga. Maria Bosman (57) wa mono Taung o bega fa a tshelela mo manokonokong morago ga go thulwa ke sejanaga. 

“Ke ne ke feta kwa kliniking e gaufi le bookelo, mme Seboko ene one a busetsa sejanaga sa gagwe kwa morago. Go bua nnete fela, ga sheba kwa morago, mme one a nthula ka sejanaga ka ba ka wela fa fatshe. 

“One a fologa, mme a mpotsa gore ke ya kae. Ke ne ka mo tlhalosetsa, mme one a kopa go nkisa kwa bookelong. Seboko one a ntlogela fa kgorong ya bookelo,” Bosman wa tlhalosa. 

Bosman are ka nako eo, one a ise a utlwe manokonoko. Are o utlwilwe manokonoko moragonyana.

“Seboko one a tlhalosa fa a tla tla kwa lapeng. Go ile ga nna fela jalo. Ke ile ka tlhalosetsa bana gore ke thudilwe ke sejanaga, mme ba ile ba nrekela dipilisi. Seboko o ile a amogela fa a nthudile ka sejanaga, mme a tlhalosa fa a sa itse gore ke bone dikgobalo go le go kae. 

“Fela, o ile are tshepisa gore o tla boa mo letsatsing le le latelang. Seboko fa e sale a ile, mme nna ke ile ka tswelela ka go nwa dipilisi tsa marapo,” Seboko wa tlhalosa. 

Bosman are Seboko one a boa morago ga gore a bue le mokwaledi wa gagwe.  

“Ga jaana, ke utlwa manokonoko mo legetleng, mo letsogong, ga mmogo le mo mokwatleng. Ke itshidisa ka go rekisa dijo kwa sekolong gore ke kgone go reka motlakase le dijo mo ntlung,” Bosman wa tlhalosa. 

Kgabagare, Seboko ene go ganeditse ditatofatso kgatlhanong le ene.  

“Ga gona paki mo kganyeng e, mme se se diragetseng se itsiwe fela ke nna le Bosman. Ka letsatsi leo, kene ke boela kwa morago ka sejanaga, mme ga gwa nna le kamano ma gareng ga Bosman le sejanga. 

“Fa kene ke boela kwa morago, sejanaga se ile sa tshosa Bosman, mme ene a wela fa fatshe. O tlhalositse fa sejanaga so mo tshositse. Ke ile ka go kopana le Bosman, mme ka mo kopa gore a ye kwa x-ray kwa bookelong gore ke itse gore a ka tswa ana le bokoa kae. 

“Ke ne ke batla go dira seo gore ere fa k emo isa kwa ngakeng ya poraevete, a be ke itse gore matsapa ke eng. Fela, ke ile ka neelwa molaetsa wa gore, mme Bosman are ke tlogele o siame,” Seboko wa tlhalosa. 

Seboko are fa gona le thuso nngwe e Bosman a e tlhokang mabapi le kgang e, a ka bua le ene. 

tangdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.