Kgetsi ya go thopa ka dikgoka le kgothoso kgatlhanong le Lebitse e tsholotswe  


Ka OBAKENG MAJE 

Modulasetulo wa mokgatlho wa baagi wa Re Aga Taung, Modisaotsile Lebitse, are o imologile. Seno se tla morago ga gore kgotlhatshekelo ya Taung, e tsholole kgetsi ya go thopa ka dikgoka, ga mmogo le kgothoso. 

Lebitse one a tshwarwa le go latofadiwa morago ga dipego tsa gore one a thopa monna mongwe ka dikgoka le go mo kgothosa. Go ya ka mmatlisise mo kgetsing e, Boingotlo Tokwe, ene ya re ka di 11 Seetebosigo 2017, banna bangwe ba le bararo ba ba neng ba rwele dithiba-matlho, ba ne ba kgorogela monna mongwe kwa Ext 6 mono Taung. 

Go ya ka Tokwe, banna ba, ba ne ba tsenya motswasetlhabelo mo sejanageng sa gagwe, mme ba tsamaya le ene go ya kwa ntlung ya gagwe kwa Hartswater. Go begwa fa ba ile ba fitlha ba mo tseela dilwana tsa gagwe jaaka megala ya letheka ele mebedi, madi a sa seatleng a sa totobadiwang, ga mmogo le tshupa-nako. 

Lekgotlha le utlwile gape fa banna ba, bane ba tsamaya le motswasetlhabelo, fela ba ile ba mo tlogela kwa motseng wa Mokassa 1, fa sejanaga sa gagwe se ile sa tlogelwa kwa Ext 7. Go begwa fa kgetsi ene ya bulwa, mme Lebitse one a lelelwa ke ditshipi ka di 28 Moranang 2024, morago ga go golagangwa le kgetsi e ka dikgatiso tsa menwana. 

Fela mo letsatsing la di 25 Seetebosigo 2024, lekgotlha le ile la tsholola kgetsi e morago ga bopaki jo bo tlhaelang kgatlhanong le Lebitse. 

Jaanong Lebitse are o itumelela tshwetso ya lekgotlha lefa a ntse a tshelela mo kutlobotlhokong.  

“Kgale ke sa dudisege mo moyeng le go fitlhelela gompieno. Ke itumetse thata, gonne lekgotlha le tsholotse kgetsi e ka ntlheng ya bopaki jo bo tlhaelang. Fela, botshelo bontse bo le bokete, ebile ke imelwa ke tlhogo yaka e nnyane-nyana e. 

“Kgale kena le kgatelelo ya maikutlo, gonne ke itse ke se molato. Ke ntse ke ipotsa gore a tota e ka nna nna yo o latofadiwang ka dilo tse. Morafe wa Taung o nkitse ke le motho o maitseo, ebile a sa amege mo dilong tse di sa siamang,” Lebitse wa tlhalosa. 

Lebitse are botshelo jwa gagwe bo batlile bo senyega ka ntlheng ya ditatofatso tse. Lebitse are fela o tla tswelela ka botshelo, mme ga itse gore o tlile go dira jang gonne ele motho o tsamayang a kopa go pegiwa (Hitch-hiker) fa a ya kwa mafelong a farologaneng. 

“Nka se ganele gore gongwe dikgatiso tsaka tsa menwana di ka tswa di bonwe mo sejanageng sa motswasetlhabelo. Fela, nna ke motho o tsamayang a kopa go pegiwa fa ke ya kwa mafelong a farologaneng,” Lebitse wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho: Moeteledipele wa Re Aga Taung Civic Organisation, Modisaotsile Lebitse 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.