Monna o latofadiwa ka go bolaya ngwana wa gagwe o eseng wa madi 


Ka KEDIBONE MOLAETSI 

Monna wa dingwaga di le 37 o tshwerwe morago ga go latofadiwa ka go bolaya ngwana wa gagwe o eseng wa madi. Go begwa fa setopo sa ga Olebogeng Molebangwe (13), se ne sena le dintho tsa go tlhabiwa, se bonwe ke moagisani kwa ntlung kwa Oos einde, Rustenburg mo thapameng ka Labotlhano.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone, moagisani one a itsise sepodisi ka tiragalo eo. Mokgwabone are sepodisi sene sa goroga kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela molatofadiwa a tshwere lebante le go bontshang fa a ne a tekeka moswi ka lone. 

“Molatofadiwa o ile a kaela mapodisi fa a ne a teketa moswi ka ntlheng ya gore one a tlogetse morwa-rragwe a le nosi kwa ntlung. Setopo sa moswi sene se sana le matshwao a go teketwa, ga mmogo le dintho tsa go tlhabiwa mo leruding la gagwe. 

“Kgetsi ya polao ene ya bulwa morago ga gore molatofadiwa a tshwarwe. Molatofadiwa o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Rustenburg mo letsatsing la Mosupulogo go lebana le tatofatso ya polao,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

Kgabagare, Mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General Sello Kwena are: “Re kgala tiragalo e e setlhogo e, gonne fa o tla go lebelela, moswi o latlhegetswe ke motshelo mo diatleng tsa motho o a neng a tshwanetse a mo sireletse. 

“Jaanong, re laetse ba lephata la rona la dipatlisiso go ka batlisisa kgetsi e ka botlalo, mme ba netefatse gore moswi o bona bosiamisi.”

taungdailynews@gmail.com

Police officer arrested for business robbery 


By REGINALD KANYANE 

A police officer (31) and his co-accused were arrested for business robbery and impersonating police officers. This comes after Constable Stembiso Ngamlane, who is attached to Madikwe Visible Policing and his co-accused, Jacobus Haywood (30), were arrested in Seweding village, near Mahikeng on 13 June 2024.  

Ngamlane and Haywood allegedly robbed a Bangladeshi foreign national tuckshop owner. The pair apparently entered the tuckshop wearing a police uniform. 

The North West police spokesperson, Brigadier Sabata Mokgwabone said Ngamlane and Haywood introduced themselves as police officials and informed the shop owner that they were there to check if he was not selling counterfeit cigarettes.

“The victim took the duo to the place where cigarettes are kept. In the process, he requested to produce his Asylum Seeker Permit, which was in his room. The accused took the victim’s cell phone, while trying to call his sister-in-law. Subsequent to getting the permit, the accused robbed the victim of cigarettes, airtime vouchers and cash. 

“It was at that point that the victim’ sister in law arrived and demanded to see the duo’s appointment cards. Haywood managed to run away, but Ngamlane was arrested and severely assaulted by members of the community,” he said. 

Mokgwabone further said as a result, he was taken to the hospital, where he was admitted. He added that the preliminary investigation revealed that Haywood fled from the scene driving in a white Citroen car. 

“Furthermore, police uniform pieces, including a blue shirt and a reflector jacket, were found approximately 500m away from the scene. Haywood was finally arrested at Lorwaneng village. 

“During the arrest, more police uniform pieces were confiscated. The matter was in Molopo Magistrate’s Court, but was postponed until 25 June 2024, for bail application. The accused were remanded in custody upon appearance in absentia,” said Mokgwabone. 

Meanwhile, the North West Police Commissioner, Lieutenant General Sello Kwena, condemned the incident and reiterated that unethical conduct and the involvement of South African Police Service (SAPS) employees in criminal activities will not be tolerated.

taungdailynews@gmail.com