Bosisi: Ntja e bonwe e ja dirwe tsa lesea le le sa tswang go belegwa


Ka OBAKENG MAJE 

Setopo se se jelweng ke dintja sa lesea le eleng gone le belegwang, se bonwe gaufi le molapo kwa motseng wa Letlhakane, gaufi le Mahikeng mo letsatsing la maabane. Go begwa fa baagi ba ile ba tsenwa ke tsebe-tsebe morago ga gore ba bone ntja e goga-goga tlhogo ya lesea.   

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone, sepodisi kwa Lomanyaneng, se batlisisa kgetsi ya go shuba morago ga pelegi (A case of concealment of birth). 

“Se se tla morago ga gore dirwe tsa mmele tsa lesea le eleng gone le fetsang go belegwa di bonwe kwa motseng wa Letlhakane mo letsatsing la Labotlhano. Go begwa fa ntja ene ya bonwa e goga-goga tlhogo ya lesea. Tlhogo eo, ene ya kgwesiwa ntja, mme ya tswalwa sentle pele ga go ka bidiwa mapodisi. 

“Mme morago ga sebakanyana, yone ntja eo, ene ya bonwa gape e tswa kwa sekgweng se se gaufi, mme e goga-goga dirwe tsa mmele jaaka letheka, ga mmogo le maoto. Sepodisi sene sa bolotsa dipatlisiso le go senka thamo ga mmogo dimpa tsa setopo seo, fela ga sa bona sepe,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

Mokgwabone are dipatlisiso di tsweletse, fela ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.