
Ka OBAKENG MAJE
Setlamo sa Hollywoodbets se tlhotse se abetse setlhopa sa Dafita Rovers Cricket Club diaparo (kits). Tiragalo e, e tlhotse e tshwaretswe kwa Phoka Guesthouse mono Taung mo letsatsing la gompieno.
Motlhami wa setlhopa sa Dafita Rovers Cricket Club, Dafita Mainaakae are ba itumeletse kabelo e, mme dilwana tseo di tlile go ba thusa gore ba godise setlhopa. Mainaakae are ba neetswe kits ya batshamiki ba banyeyane ga mmogo le ya setlhopa se segolwane.
“Re neetswe gape le di diriswa tsa go ka ikatisa. Re itumetse thata, gonne rene re sena le madi a go ka di ithekela. Fa o tla go lebelela dilwana tse re di neetsweng, di feta madi a boleng jwa R20 000. Jaaka re bua jaana, liki ya batshamiki ba ba dingwaga tse di kwa tlase ya tshimolola.
“Jaanong kabelo e, e tlile go re thusa thata gonne re tla be rena le di diriswa tsa go tshameka kgatlhanong le ditlhopa tse dingwe. Jaanong, re tla lebagana fela le go batlana le baborogi ba sepalangwa,” Mainaakae wa tlhalosa.
Mainaakae are bana le mini-cricket ya batshamiki ba dingwaga di le tlhano go fitlha go di le supa, mme yone e akaretsa basimane le basetsana. Mainaakae are gape, ba na le batshamiki go tloga go dingwaga di le 11 go fitlha go di le 13, mme le bone ba akaretsa basimane le basetsana.
“Batshamiki botlhe ba ba nang le dingwaga tse di fetang 13, re ba isa kwa setlhopeng se se golwane, gonne ga re kgone go nna le ditlhopa tse di farologaneng go ya ka dingwaga tsa batshamiki ka ntlheng ya tlhokego ya matlole. Fela, rena le tshepo ya gore fa nako e ntse e tsamaya, re tla nna le ditlhopa ka go farologana ga dingwaga.
“Seo se tla re thusa gore batshamiki ba rona ba tsenele dikgaisano go ya ka dingwaga tsa bone. Go fitlha ga jaana, re gaisanela liki ya batshamiki ba ba kwa tlase ga 11, ga mmogo le batshamiki ba ba tonna,” Mainaakae wa tlhalosa.
Mainaakae are ga se ba kgone go tsenela dikgaisano ka batshamiki ba basetsana ka ntlheng ya go tlhoka. Are seo se tlholwa ke gore, mo liking ya basetsana, ba tshwanelwa ke go etela ditlhopa tse difarologaneng go ralala porofense ya Bokone Bophirima.
“Fela re itumelela tshegetso e re e boneng go tswa go ditheo tse difarologaneng, ga mmogo le batsadi. Go fitlha ga jaana, rena le batshamiki ba feta 50, mme rene re sa solofela seo gonne fa o tla go sheba, ga ese kgale re tshimolotse setlhopa se.
“Rena le tshepo ya gore fa nako e ntse e tsamaya, re tla fitlhelela ditoro tsa rona. Keletso yame ke go bona dikolo tse dikwatlase di nna le ditlhopa tsa cricket,” Mainaakae wa tlhalosa.
Mongwe wa batshamiki, Tshireletso Seilane (20) are o itumelela kabelo e ba e boneng go tswa kwa Hollywoodbets.
“Re itumetse thata gore re be re neetswe diaparo tse dintsha tsa go tshameka cricket, ga mmogo le dilwana tse re di tlhokang. Seno se tlile go re thusa thata gore re kgone go fitlhelela toro ya rona ka go nna batshamiki ba ba diphatsa ba cricket.
“Kgale re tlhaela ka dipurugwana tsa go tshameka le go ikatisa. Go botlhe ba ba batlang go ipona ele batshamiki ba cricket mo nakong e e tlang, kere go bone ba se ikobonye mme ba dumele mo go bone. Ba tshwanetse gore ba dirise bokgoni jwa bone ntle le go oka-oka,” Seilane wa tlhalosa.
Motshamiki o mongwe, Karabo Moatlhodi (23) are: “Ke tshameka jaaka bowler, mme tota go bua nnete fela kgale re tlhaela ka dilwana tsa go ikatisa. Se se tlile go dira dilo bonolo, mme re ikatise gore re kgone go tshameka kgatlhanong le ditlhopa tse dingwe.
“Cricket e batla o e tshimolola dingwaga di sale kwa tlase gore o kgone go ithuta go le gontsi. Cricket ke e tshimolotse ke le mo dingwageng tse di kwa godimo, mme yone ke motshameko o balolang,” Moatlhodi wa tlhalosa.