(Graphic/Bosisi): Molatedi o tlhapilwe ka thipa mo motshamekong magareng ga Nkamodira FC le Mogopela Wonderous FC   


Ka OBAKENG MAJE 

Seemo se letse se tswile mo taolong mo letsatsing la maabane kwa mebaleng ya metshameko ya motse-setoropo wa Ipelegeng kwa Schweizer Reneke mo motshamekong ya go khwalifaela liga ya ABC Motsepe ma gareng ga setlhopa sa kgwele ya dinao sa Nkamodira FC kwa Vryburg le sa Mogopela Wonderous FC mono Taung. 

Motshameko one wa emisiwa morago ga gore go tsoge ntwa ma gareng ga balatedi ba Nkamodira FC le Mogopela Wonderous FC. Mongwe wa balatedi ba Nkamodira FC go begwa fa a tlhabile molatedi (46) wa setlhopa sa Mogopela Wonderous FC ka thipa mo tlhogong, mme a mo tlogela a pokga-pokga madi. 

Fela motshameko one wa tswelela, mme setlhopa sa Nkamodira FC, se ile sa bona penalty, mme ba e ragela kwa godimo. Seo se ile sa shakgatsa balatedi ga mmogo le bakatisi ba setlhopa sa Mogopela Wonderous FC, fela motshameko one wa tswelela.

Ene ya re mo go tsweleleng ga motshameko, setlhopa sa Nkamodira FC, se ne sa nosa nno. Ene ya re o setse metsotso e balwa, bakatisi ga mmogo le bangwe ba balatedi ba Mogopela Wonderous FC, ba ne ba itatlhela mo lebaleng ba ipelaetsa ka tsamaiso ya motshameko.

Seo se ile sa tlhotlheletsa molaola-motshameko go ka emisa motshameko. Molatedi o neng a tlhabilwe ka thipa, o ile a tabogisetswa kwa kliniking go bona thuso ya potlako.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani are: “Ke nnete sepodisi se butse kgetsi ya go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng.”

taungdailynews@gmail.com

 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.