Baagi ba Taung ba tshosetsa ka go sa vouta mo ditlhopong tse di tlang fa ba sa bone metsi


Ka OBAKENG MAJE

Komiti ya Tlhokego Ya Metsi Concerned Group ya re ga gona divouto tse di tlileng go nna teng go ralala Taung ka bophara fa baagi ba sa bone metsi. Komiti e, e tlhotse e kopane mo letsatsing la gompieno kwa dikantorong tsa Batlhaping Baga Phuduhucwana kwa Chiefscourt.

Mongwe wa maloko a komiti e, Moabi Oshupeng are tshwetso e ya bone ba e tshotse morago ga go akediwa ke setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, ga mmogo le masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Oshupeng are, Magalies Water e ile ya tshepisa baagi gore metsi a tlile go nna teng fa Mopitlwe a ne a rogwa.

Fela Oshupeng o shupile fa dipompo di setse di kgadile le go fitlha ga jaana.

“Re fa gompieno, mme kgang-kgolo ke tlhokego ya metsi. O tla gopola gore go ile ga tsewa le matsapa ka kgwedi ya Mopitlwe, mme ga go nko e tswa lemina. Jaanong, re tlile go dula mo fatshe re kopanye ditlhogo le go tla ka tharabololo mo ntlheng e. 

“Re ile ra dumalana ka gangwe gore, re tlile go kwalela mafapha otlhe a amegang mo kgannyeng e ya tlhokego ya metsi, jaaka masepala o mogolwane wa Taung, Lefapha la Metsi le Kgelelo-leswe, Magalies Water, masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ga mmogo le puso ya rona ya Bokone Bopirima,” Oshupeng wa tlhalosa.

Oshupeng are ntlha-kgolo ke gore, ga ba batle fa ba tsaya tshwetso, go be go nna le lefapha le le reng lone ga le itse sepe, gonne tshwetso eo ga e tle go nna monate. Oshupeng are ba tshotse tshwetso ya gore ga ba tle go vouta jaaka baagi ba Taung fa go sena metsi.

“Ka bokhutshwane ra re, No Water, No Vote. Re tlile go ba fa matsatsi a le mararo fela ba be ba re arabile gonne re lobaka re kwala makwalo, mme go sa nne le pharologano,” Oshupeng wa tlhalosa.

Modulasetilo wa Tlhokego Ya Metsi Concerned Group, George Mmapalentwa are: “Magalies Water ene ere tshepisitse gore e tlile go re neela metsi mo bekeng e fitileng, fela go fitlha ga jaana, ga go nko e tswang lemina.

“Jaanong, re kopane jaaka komiti mme re tlile go romela makwalo go batsaya-karolo botlhe, ele go ba itsise ka tshwetso ya rona ya gore ga gona divoutu tse di tlileng go nna teng fa metsi a seo.”

Mongwe wa baagi, Tebogo Ntloyakhumo go tswa kwa Ditshilong are bana le sebaka sa ngwaga jaanong ba sena metsi. Ntloyakhumo are ke motho o a nwang dipilisi, mme fa metsi a seo ke bothata.

“Re ka itumela thata fa re ka thusiwa ka ditanka tsa metsi re sentse re emetse gore madutelo a baakangwe. Re le baagi ba re nnang kwa thabeng, metsi ga a re fitlhelele. Jaanong, re ikuela go masepala go re tlisetsa ditanka,” Ntloyakhumo wa tlhalosa.

Kgabagare, molekgotlha kwa masepaleng wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere yo ebileng a ikarabela ka mafaratlhatlha kwa komiting ya ga majoro are: “Re tla itsise baagi gore re okeditse dirori tse di neelanang ka metsi mo Taung. Gape, re emetse ditanka di le 15 tse re tlileng go diphasalatsang le metse e farologaneng ya Taung. 

“Se, se tlile go re thusa gore metse yotlhe e fitlhelele metsi. Jaanong, re kopile ka tswedintswe gore, baagi ba ba kgonang gore beela ditanka tse mo dijarateng tsa bone, ba dire jalo. Seo se tla thusa gore metsi ao a se kgotlhelege.”

Seepamere are mo bekeng e e fitileng, ba ne ba tsenetse kopano le setlamo sa Vaalharts. 

“Re dumalane le bone gore re tshwanetswe gore re okeletswe metsi. O tla gopola gore, diperesente di le 70 tsa metsi are a bonang, a fetela kwa temo-thuong. Jaanong, seo se re tlogele ka diperesente di le 30 tsa metsi a nowang. 

“Maswabi ke gore, le one metsi ao, re a kgaoganya le balemi ba mo Taung. Jaanong, seo se dira gore go nne le tlhokego e e tseneletseng ya metsi. Fela re setse re kwaletse ba lefapha la metsi ga mmogo le kgelelo-leswe, gore ba re okeletse metsi,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are masepala o tsweletse ka go aga madutelo, mme mangwe a one a tla dirisetswa go tlhatswa metsi. Seepamere are, metsi a bonwang kwa Taung, ana le iron e ntsi go fitlha ga jaana. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.