Rakgwebo yo a itsegeng, gape ele mong wa The Meat Brothers wa maloba, Tshwaro Mangwegape o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

Rakgwebo wa selegae yo a itsegeng, gape ele mong wa lefelo le le rekisang nnotagi wa maloba, Tshwaro Mangwegape, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mangwegape o latofadiwa ka go bolaya motshameki o diphatsa wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa NWU Institute, Undivile “Vilo” Mdi (28) ga mmogo le go tlogela tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo, Aobakwe Ernest Kokwe (33) ka dikgobalo tse di masisi.

Mdi le Kokwe, ba ne ba le magareng ga batho ba ba neng ba etetse lefelo la The Meat Brothers Pub ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate fa gone go runya thuntso. Go ya ka Mangwegape, Mdi le Kokwe, ba ne ba le gareng ga setlhotshwana se seneng sa tsena ka dikgoka kwa lefelo la gagwe le go senya dithoto.  

Ka motsi wa fa a ne a dira kopo ya go gololwa ka beile, Mangwegape one a laela lekgotlha fa a ne a tlhaselwa ke setlhotswana se ka dithipa, mme one a tshwanelwa ke go iphemela, gonne botshelo jwa gagwe bone bo le mo kotsing.

Go begwa fa Mangwegape yo o boleletseng lekgotlha fa a na le bana ba le babedi kwa ntle, mme a nyalane le Konsetabole Bontle Riet, ebile a na le ngwana a le mongwe wa mosetsanyana le ene, a ne a thuntsa moswi ka dikolo di le nne, fela ke di le tharo tse di ileng tsa tsena mo mmeleng wa gagwe, mme a boa a thuntsa Kokwe ka dikolo di le tlhano, fela ke di le tharo tse di ileng tsa mo thuntsa.

Go tlhalosiwa fa morago ga moo, Mangwegape a ne a go ineela kwa sepodising. Fela, Magistrata Botsile Thaga are, molatofadiwa a ka kgotlha-kgotlhana le bopaki fa a ka neelwa beile. Gape, Thaga o kaile fa botshelo jwa molatofadiwa bo ka nna mo kotsing fa a ka neelwa beile.

“Molatofadiwa o paletswe ke go bolelela lekgotlha nnete gore o tlile a lebagana le dikgetsi di le tlhano tse di fetileng. Molatofadiwa o boleletse lekgotlha fa a ne a na le ditatofatso di le pedi fela. Seo se bontsha fa a sena boikanyego. Gape se se makatsang ke gore molatofadiwa one a na le lekwalo-tshwaro la kwa kgotlha-tshekelo ya kotlo ya bana, fela o ile a kgona go le phimola ntle le gore a tlhagelele kwa kgotlha-tshekelo.

“Jaanong, seo se a makatsa, ebile go bontsha fa Mangwegape a ka tlhotlheletsa dipaki, gonne ba etela lefelo la The Meat Brothers Pub. Ka tsela eo, lekgotlha le ganela molatofadiwa ka beile, mme kgetsi e busediwa morago go fitlha ka di 4 Mopitlwe 2024, fa dipatlisiso di tswelela,” Thaga wa tlhalosa.

Kgabagare, mmagwe moswi, Nomathemba Pule are: “Re itumetse thata fa molatofadiwa a ganetswe ka beile. Ke na le tshepo mo bosiamiseng, ebile ke a tshepa gore molatofadiwa le ene le fa a ikotlhaela se a se dirileng, o tshwanetse ke go tlhaloganya gore o tshwanelwa ke go dula kwa ntlo-lefitshwana go fitlhela kgetsi e, e fela. Re tla ema le go bona gore kgetsi e leba kae.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.