
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba re ba amogela tshwetso ya kgotlhatshekelo ya Taung, go ka busetsa kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le mogwebi o a itsegeng, ebile ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang nnotagi la The Meat Brothers, Tshwaro Mangwegape (41) mo letsatsing la gompieno.
Mangwegape o tlhotse a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo, fela kgetsi ya gagwe ene ya busediwa morago go fitlha di 3 Moranang 2024. Go begwa fa Lekgotlha le tlhalositse fa le sentse le emetse dipholo tsa sethunya (ballistic test results), ga mmogo le makwalo-netefaletso (statements) go tswa go dipaki dingwe.
Mangwegape o latofadiwa ka go bolaya motshameki o diphatsa wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa NWU Institute, Undivile āViloā Mdi (28) ga mmogo le go tlogela tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo, Aobakwe Ernest Kokwe (33) ka dikgobalo tse di masisi.
Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba le magareng ga batho ba ba neng ba etetse lefelo la The Meat Brothers Pub ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate fa gone go runya thuntso.
Go ya ka Mangwegape, Mdi le Kokwe, ba ne ba le gareng ga setlhotshwana se seneng sa tsena ka dikgoka kwa lefelo la gagwe le go senya dithoto. Morago ga tiragalo e, Mangwegape one a ineela kwa sepodising.
One a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ga mmogo le maiteko a polao.
Kgabagare, mongwe wa baeteledipele wa baagi, Kgakololo Koji are batla dula ba letile. Koji are fela ga a itumelela matshosetsi a ba utlwileng, morago ga go rulaganya tebelelo letsatsi pele ga kgotlhatshekelo.
āRe le baagi re dumalana le kgotlhatshekelo gore e busetse kgetsi eno morago. Mme ga nkitla re fela pelo, mme re tla be re le fa gape ka di 3 Moranang 2024. O tla gopola gore motswana orile are, moseka phofu wa gagabo ga swe lentswe.
āKe nnete re ne re rulagantse tebelelo mo letsatsing la maabane, fela ka ntlha ya seemo, ga ra kgona go tswelela kwa pele ka yone. Re amogetse dipego tsa gore go rulagantswe bo rasethunya (hitmen) bangwe gore ba tle go tsaya matshelo a rona,ā Koji wa tlhalosa.
Koji are jaanong ba bone fa go le molemo gore ba emise ka tebelelo eo, ele go efoga tshololo ya madi. Koji are maitlhomo ene ele go tshwara tebelelo letsatsi pele ba ya kgotlha-tshekelo.