Setopo sa monna se bonwe kwa Blue Pool kwa Buxton


Setshwantsho: Noka ya Blue Pool kwa Buxton   

Ka OBAKENG MAJE

Setopo sa monna wa dingwaga di le 45 se bonwe kwa nokeng ya Blue Pool kwa motseng wa Buxton, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa monna o, ane a tsamaile le ba lelapa go tsenela dikolobetso, fela o ile a relela mme awa.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, ba lelapa ga ba bona gore monna o o wetse kae.

“Ba lelapa ga ba kgona go itsise sepodisi ka ntlheng ya mabaka a setso. Fela mongwe wa lelapa, one a boela kwa nokeng eo, mme a bona setopo sa mo gagabo. Kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.