Monna oneng a ipolaya ka go itlhaba ka lebotlolo kwa Dryharts o fitlhilwe


Setshwantsho: Monna o neng a itsatsanka ka lebotlolo, Modisaotsile Mokati

Ka OBAKENG MAJE

Ba lelapa ka kwa ga Mokati kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung ba re ba setse ba kgakgamaditswe ke tiragalo ya go ipolaya ga ngwana wa bone. Seno se tla morago ga gore, Modisaotsile Mokati (30) go begwe fa a ile a ipolaya ka go itlhabakaka ka lebotlolo mo bekeng e e fetileng ka letsatsi la Tshipi.

Go ya ka dibego, Modisaotsile one a tswa kwa kerekeng, mme a leba kwa ntlung ya motlhokomedi wa gagwe, Wageng Morwe go ya go kopa dijo. Go begwa fa gotsweng moo, one a leba kwa lapeng, mme a fitlha a itlhabakaka ka lebotlolo go fitlhela a neela moya.

Kgaitsadie Modisaotsile, eleng Kelebogile Julia Motebe are ba utlwisitswe botlhoko ka mokgwa o monnawe a tlhokafetseng ka teng.

“Modiotsile kgale a dula a le nosi mo lapeng. Fela, o ile a go dula le rre Wareng Morwe jaaka motlhokomedi wa gagwe. Ga ese ke nne le bothata, gonne Morwe one a rile o tla mo tlhokomela. Morwe o ile a mo tsaya fela jaaka ngwana wa gagwe (adopted child), le go mo amogelela madi a motla-o-dutse gonne Modisaotsile one a na le botlhoko jwa go wa.

“Mme gone kgale re tshela sentle fela go sena mathata. Jaanong, fa ngwana a tlhokafala, Morwe one a seo le nna ke ne ke seo. Fela, o tlhalosiwa fa Modisaotsile a ile a ya kwa ga Morwe yo o ileng a mo fa dijo le R5. Gatwe, Modisaotsile o go fitlha mo lapeng, o ile a ikapola le go itlhaba ka lebotlolo,” Motebe wa tlhalosa.

Motebe are o ile a botsa gore fa moswi a itlhaba, a o ne a itlhaba ka setu. Motebe are gatwe Modisaotsile one a kaya fa a sa tshwarwa sentle, ebile ene o batla go tlhokafala.

“Bo nnete ke gore phitlho ya ga Modisaotsile ke e fitlhile botlhoko. Jaaka re bua jaana, ga kena le madi, mme re setse re le bane fela, gonne batsadi ba rona ba ile ba tlhokafala. Ke ne ke tla kopa gore mongwe o a ka re thusang, a dire jalo gonne ga ke itse le gore a kgomo e e tlhabilweng e, a le yon eke a e kolota,” Motebe wa tlhalosa.  

Motlhokomedi wa moswi, Wareng Morwe are one a rata Modisaotsile thata, ebile a mo tseile fela jaaka ngwana wa gagwe. Morwe are ba latlhegetswe, ebile Modisaotsile ene ele motho o lerato le fa batho ba ne ba re ga itekanela mo tlhogong.

“Ke gopola gore ka letsatsi leo la Tshipi, o ile kwa lapeng, mme o ile a kopa dijo. Fa ke fetsa go mo fa dijo, one a kaya fa a o boela kwa ntlung. Morago ga moo, ke ile ka Makala thata fa key a go bidiwa gotwe Modisaotsile o ipolaile.

“Kei le ka tla mme maswabi ke ile ka fitlhela mosimane wa ka a robetse. Re ile ra letsatsa sepodisi, mme se ile sa goroga. Jaanong, loso la ga Modisaotsile le nkamile thata, fela Modimo ke ene a itseng. Modisaotsile one a bidiwa Killer, ebile fa ke bua le ene, one a nkutlwa,” Morwe wa tlhalosa.

Kgabagare, moedi wa kgosi, Othusitse Morebodi are: “Ko bogosing, ga e senke re tsamaye re bone motlhanka o wa rona gotwe o molato. Ene ele motho o siame thata, mme a tshidisana sentle le batho.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.