
KA REGINALD KANYANE
Monna wa dingwaga di le 30 o atlholetswe dingwaga di le supa kwa kgolegelong morago ga go bonwa molato mo kgetsing ya petelelo. Go begwa fa monna o, a ne a etetse ditsala tsa gagwe eleng monna le mosadi kwa polasing nngwe kwa Phillipstown, gaufi le De Aar ka di 3 Tlhakole 2023.
Sebueledi sa sepodisi kwa Northern Cape, Lieutenant Col Sergio Kock, o kaile fa boraro jo, bone bo iphantse ka nnotagi. Kock are boraro jo, bo simolotse go iphanya ka nnotagi ka ura ya borobongwe mo bosigong.
“Baratani ba, ba ne ba otsela, mme ba isa marapo go beng. Ka maswabi, lekgarebe le la dingwaga di le 22, one a kubuga mme a fitlhela moeka a ipagololetse mogodu, ebile a itaswq menwana. One a gowa, mme monna wa gagwe one a mo tlhaga thuso.
“Kgetsi ya petelelo ene ya go begwa kwa sepodisi, mme monna o, one a tshwarwa ka di 12 Tlhakole 2023. One a bonwa molato ke kgotlha-tshekelo ya sedika ya kwa De Aar, mme ya mo kolopela dingwaga di le supa mo ntlo-lefitshwaneng,” Kock was tlhalosa.
Kock are monna o, one gape a kaiwa fa a sa siamela go tshola sethunya.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi kwa Northern Cape, Lieutenant Genral Koliswa Otola, o tlotlomaditse mmatlisisi mo kgetsing e. Otola are tshotlakako ya bong e tsweletse go nna tlhoba-boroko mo nageng ya Afrika Borwa, fela sepodisi se malala-a-laotswe go ka samagana le ditshotlhakako tsa mothale o, le go tshwara beng ba ditiro tse.
taungdailynews@gmail.com