Dipalopalo di shupa fa tshotlakako ya bong e etegetse kwa Rooiwal


Setshwantsho: Sepodisi sa Taung se boloditse metseletsele ya ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong

Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi sa Taung se kaile fa tshotlakako ya bong e tsweletse go nna tlhoba-boroko kwa motseng wa Rooiwal mono Taung. Sepodisi se ikuela go baagi ba Rooiwal le go ralala Taung ka bophara go ka emisa ka ditshotlakako tsa bong.

Go ya ka mogokaganyi (Community Policing Officer) wa sepodisi kwa seteisheneng sa Taung, Saresanta Ogalehile Goshupelwang, dipalopalo tsa tshotlakako ya bong di shupa fa di etegetse kwa motseng wa Rooiwal. Goshupelwang are ke ka moo ba etetseng motse o.  

“Maitlhomo le maikaelelo a ketelo ya rona ka kwano ke go tsibosa le go tla ka tharabololo go bothata jo. Re tla dula re tla, mme re buisane le lona. Re lemogile gore go ikapeelwa ka moteme mo Rooiwal, ebile bontsi jwa makgarebe a mo, ba kgona go tlogela bana, mme ba tsamae matsatsi.

“O fitlhele ba tlogetse bana ba le bararo ba tsamaile, mme ba boe morago ga matsatsi. Kana re bua ka batho ba eleng bone keteledipele ya rona ya kamoso. Jaanong, a re netefatseng fa re aga setshaba se se siametseng bokamoso,” Goshupelwang wa tlhalosa.

Warrant Officer, Keaobaka Matlolokwe are, selo se se bakang tshotlakako ke khumanego e kanakana mo magaeng a le mantsi. Matlolokwe are, o tla fitlhela rre ele ene motlamedi mo lelapeng, mme a dira fela jaaka a batla.

“Rre o, wa busa wa laola le go betsa. Go ya ka dipalopalo, go bolawa mosadi a le mongwe morago ga di ura di le robongwe tse di fetang go raralala Afrika Borwa. Mme ga se gore tshotlakako e, e diragalela fela bomme le bana. Bagetsho, borre le bone ba shotlakakiwa, mme re ikuela go bone gore ba tle kwa seteisheneng sa mapodisi go tla go bega melato eo.

“Fela kgang e ya gore mapodisi ba tshega ka borre fa ba ile go bega dikgetsi tsa tshotlakako, ga se nnete. Fa rre a tlile go bega molato o tshwanang le o, re mo tsaya go tshwana fela le mongwe le mongwe o a nang le tshwanelo ya go bona bosiamisi bo diragala,” Matlolokwe wa tlhalosa.

Are gona le ditshotlakako tse di farologaneng jaaka tsa go teketa, tshotlakako ya maikutlo, ga mmogo le ya go timiwa madi (economic abuse). Matlolokwe are gape, gona le tshotlakako ya thobalano.

“Le fa o ka nyala mosadi, ga wa tshwanela go mo pateletsa go robalana le wena, gonne seo ke tlolo-molao,” Matlolokwe wa tlhalosa.

Moemedi go tswa kwa Pudimoe Crisis Empowerment Centre, Karabo Gaselebelwe are: “Re na le ditirelo tse re neelanang ka tsone jaaka tshidilo ya maikutlo le go neelana ka tulo go batho ba ba shotlakakilweng. Tshotlakako e na le seabe go kgatelelo ya maikutlo.

“Tshotlakako e feleletsa e ama le bana, mme ba feleletse ba sotlakaka bana ba bangwe kwa sekolong. Re ikuela go baagi go ka buela kwa ntle, mme ba efoge ditlamorago tsa tshotlakako jaaka kgatelelo ya maikutlo. Re ikuela go bagolo go tla go bua le badiredi-loago gore ba bone thuso.”

Gaselebelwe are bana ba feleletsa ba dirisa diritibatsi botlhatswa ga mmogo le go iphanya ka nnotagi go go feteletseng.  

Kgabagare, mogokaganyi go tswa kwa Thuthuzela Care Centre, Keolebogile Kujane are ba ka itumela thata fa ba ka bona batsadi ba tsaya karolo mo ntweng kgatlhanong le tshotlakako ya bong. Go ya ka Kujane, bangwe ba shotlakakiwa ka go betelelwa, mme batsadi kgotsa batlhokomedi ba bana ba tshwanetse go ela seo tlhoko.

“Re retloetsa bangongoregi mo dikgetsi tsa tshotlakako tsa thobalano, kgotsa petelelo go ka itsise sepodisi ka nako. Fa mongongoregi a beteletswe, re mo rotloetsa go se apole diaparo tse a neng a di apere ka nako ya tiragalo. Kgotsa a ka di phutele ka pampiri pele a di tsenya mo polasetiking.

“Fa di tsenngwa fela jalo mo polasitiking, ka nako engwe polasitiki ya fufula, mme seo se dire gore bopaki bonyelele. Fa gongwe mongongoregi a ne a itwela kgatlhanong le molatofadiwa, re mo rotloetsa gore a se kgaole dinala, gonne leswe leo le le mo dinaleng, ke bopaki jo bo ka thusang mo kgetsing,” Kujane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.