Indomitable Lions FC e tshwara dingwaga di le 3 e tlhamilwe


Setshwantsho: Setlhopa sa Indomitable Lions FC 

Ka OBAKENG MAJE

Modulasetilo wa setlhopa sa kgwele ya dinao sa Indomitable Lions FC, Archie Seothaeng are ba tlile go tswelela go fokisa folaga ya Taung kwa godimo kwa liking ya ABC Motsepe le fa ba sa bone kemo-nokeng. Seothaeng are mo bekeng e e fetileng, setlhopa sa gagabo se ne se keteka dingwa di le tharo se tlhamilwe.

“Setlhopa se, se tlhamilwe morago ga gore re nne le batshamiki ba ba neng ba tshameka kwa ditlhopeng tse difarologaneng go ralala Taung, mme ba bona go le mosola gore re tlhame setlhopa se. Bangwe ba bone, ba ne ba tshameka kwa liking ya ABC Motsepe pele ba ka boela gae.

“Jaanong, re ile ra tlhama setlhopa se le go tsenela dikgaisano tse di farologaneng go ralala Taung le Hartswater. Re fentse dikgaisano di le dintsi, mme re ile ra lemoga fa re ka itepatepanya le ditlhopa tse di farologaneng go ralala porofense ya rona ya Bokone Bophirima,” Seothaeng wa tlhalosa.

Seothaeng are ka 2021, gone gona le setlhopa sa Taung Stars FC, se seneng sa tlhatlhosediwa kwa liking ya SAB Regional League) mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Seothaeng are, ba ile ba bona fa go le mosola gore ba reke seemo sa setlhopa seo.

“Jaanong, re ile ra nna le kgatlhego ya go reka seemo sa setlhopa seo. Morago ga moo, re ile ra tshameka mo liking ya SAB, mme re ile ra e fenya. Re ile ra tshimolola ka kgaisano ya Nedbank Cup mo sedikeng sa rona sa Dr Ruth Segomotsi Mompati le go fenya ditlhopa tse di neng di tsenetse kgaisano eo.

“Re ile ra ya go emela sedika sa rona sa Dr Ruth Segomotsi Mompati kwa porofenseng kwa Klerksdorp, ka maswabi re ile ra seka ra kgona go fetela kwa legatong le le latelang. Fela, seo ga sa re diga mowa, mme rene ra boela gae le go tlhomela mogopolo mo liking,” Seothaeng wa tlhalosa.

Seothaeng are ba ne ba fenya ditlhopa tse ba neng ba tsameka le tsone mo liking, mme ba ya go emela sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati kwa porofenseng. Seothaeng are fela ka maswabi, ba ile ba latlhegelwa kwa metshamekong ya mantshano. Seothaeng are fela, mo ngwageng o latelang, ba ile ra fetela gape kwa metshamekong ya mantshano, mme ba e fenya.  

“Re ile ra fetisediwa kwa liking ya ABC Motsepe e ga jaana re tshamekang mo go yone. Go fitlha ga jaana, re dira sentle mo liking eo le fa go le thatanyana. Mathata are kopanang le one ke go tlhoka sepalangwa, thata jang fa re tshamekela kwa ntle ga Taung. Gape, re na le batshamiki ba ba farologaneng go ralala Taung, mme re tshwanetse go ba isa kwa mafelong a ba dulang kwa go one morago ga ikatiso kgotsa metshameko.

“Se se ileng sa re utlwisa botlhoko ke go bona Lefapha la Botaki, Metshameko le Setso mo porofenseng le neelana ka tshegetso go ditlhopa tse pedi tse di tlhatlhositsweng kwa liking ya ABC Motsepe, ntle le rona,” Seothaeng wa tlhalosa.

Are o ile a kwala makwalo, mme ga go nko e tswa lemina.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.