
Setshwantsho: Baagi ba kwa Sandton ba tswetse dumping site
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa Sandton kwa Matlhako 1, gaufi le Pudimoe mono Taung, ba re kaile fa ba lapisitswe ke batho ba ba latlhelang matlakala mo lefelong la bone ntle le molao. Go ya ka baagi ba, ba shupa masepala o mogolwane wa Taung ka go tlhola lefelo le go latlhelwang matlakala (dumping site) mo go lone ntle le molao.
Mongwe wa baagi, Granny Ratilodi are go latlhelwa ga matlakala mo lefelong la bone, go tlile go nna le ditlamorago tse di sa siamang mo boitekanelong jwa bone. Ratilodi are, se se botlhoko ke go bona diphologolo di tsweletse go ja dilwana tseo jaaka dipolasitiki ga mmogo le mengato ya bana kwa lefelong leo.
“Re lelela mo segosing sa rona jaaka morafe gore ga re itumelele leswe le re le bonang mo motseng wa rona. Fa ba fetsa go latlhela dilo tseo, ba di fisa mme mosi wa teng ga wa siamela boitekanelo jwa rona. Le leruo la rona le mo kotsing, gonne diphologolo di ja dilwana tse di jaaka di polasitiki le mengato ya bana teng kwa lefelong le.
“Fa o re wa tlhaba, o fitlhela dilo tseo mo mogodung wa phologolo e tlhabilweng. Fela ga re mo ntweng, mme re ne re ikopela tirisano mmogo. Re ikuela go baagi botlhe gore ba se tlhole ba dirisa tulo eo jaaka lefelo la go latlhela matlakala,” Ratilodi wa tlhalosa.
O mongwe wa baagi, Tshekoeng Morakanele le ene o kaile fa serodumo sa tulo ya bone se ya kwa tlase ka ntlheng ya dumping site e e dirilweng go se ka fa molaong go bapa le magae a bone.
“Re tswadile lefelo le go latlhelwang dilwana (dumping site) mo go lone ka mabaka a boitekanelo. Re ile ra bona go le mosola gore re e tswale, gonne re itemogela fa bosenyi bo dirwa bonolo gone kwa lefelong leo. Jaanong, masepala wa rona o mogolwane wa Taung, le one o latlhela matlhekge mo go yone dumping site e.
“Fela, re ile ra nna le kopano ga mmogo le masepala ka ngwaga wa 2023, mme re ile ra dumalana gore matlakala a tla latlhelwa kwa Taung, eseng mo pele ga malapa a rona. Jaanong, go bontsha fa tumalano ya rona e sa diragadiwe, mme seemo sone se tsweletse go sa jese diwelang,” Morakanele wa tlhalosa.
Morakanele are ebile o bone le bo rra dikonteraka le bone ba latlhela dilwana tsa bone gone koo. Are jaanong, ga ba itse gore go diragala eng, gonne le segosi sa bona se tlhalositse fa ba sa itse sepe ka dumping site eo.
Morakanele are ba tshotse tshwetso jaaka baagi gore ba tle go tswala dumping site e. Morakanele are seo ba se lemogileng ke gore, dumping site e, ga e mo molao ebile ga gwa diriwa kitsiso (proclamation) gore go nne le dumping site mo Pudimoe.
“Re kopa le baagi gore ba se tlhole ba tla go latlhela dilwana tsa bone mo pele ga malapa a rona mo Sandton mo Mmatlhako 1.
Kgabagare, sebueledi sa masepala o mogolwane wa Taung, Ricky Oliphant, ga araba dipotso tse a ne a di romeletswe ke Taung DailyNews pele fa gone go gatisiwa kgang e.