Tlhokego ya motlakase kwa kliniking ya Ganyesa e bakile tlhatlharuane


Setshwantsho: Baoki ba direla fela mo lefifing kwa kliniking ya Ganyesa/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Lebogang Bosman are ba na le mathata mabapi le tlhokego ya motlakase kwa kliniking ya selegae ya Ganyesa. Go ya ka Bosman yo o kwadileng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso, are motlakase one wa tsamaya ka ura ya boraro mo motshegareng ka di 25 Ferikgong 2024, mme seo sene sa pateletsa baoki go direla mo lefifing. 

“Jaanong, motho o thapilweng ke Lefapha La Boitekanelo (service provider) gore a tshele lokwane mo sefetlha-motlakase (generator) one a sa kgone go reka lokwane la diesel, gonne one a le kgakajana, mme seo sene sa mo itsa go bona gore kliniki ga ena motlakase.

“Jaanong, seemo se ile sa nna fela jalo go fitlhelela bosigo. Gape, re o ikuela go balwetsi go se nwe metsi a kwa kliniking eo, gonne dipompo tsa teng di sa siama,” Botman wa tlhalosa. 

Botman are metsi ao a na le kalaka, gape o kaile fa madutelo a metsi kwa kliniking a dirilwe fa gone go na le modutelo wa kgelelo-leswe (drain) teng. 

“Motsamaisi wa setheo o tlhalositse fa badiri ba batla go nwa metsi, ba a bedise pele. Se se makatsang ke gore, le batlhokomedi ba dikago le bone ga ba na mabone (torches). Gape, go dira baoki ba le babedi fela mo bosigong. 

“Yo mongwe wa belegisa, fa yo mongwe a thusa balwetsi. Balwetsi ba ntse ba tsena ka lefifi mo kiliniking. Nagana fela o tla kliniking o bobola o be o fitlha o newa ditlhare tse di sa siamang ka phoso ele ka ntlheng ya tlhokego ya motlakase?” Bosman wa  tlhalosa. 

Are malobeng, o ile a tsibosa baagi ka tsamaiso e sa lolamang ya motsamaisi wa setheo. Bosman are ka di 22 Ferikgong 2024, ba ile ba nna le kopano le motsamaisi wa setheo, mme ba batla go itse ka madi a setsha sa kliniki entsha gore a kae. 

Bosman are fela motsamaisi o ile a tshaba, mme one a itse gore o tshaba eng.

“Baagi ke one mathata are kopanang le one a, nna ke a iponetse mo bosigong jo bo fetileng jwa di 25 Ferikgong 2024. Bangwe ba komiti ya rona, ba ile ba tsaya balwetsi ba ba tabogisetsa kwa bookelong, gonne motlakase one o seo.

“Ngwana o lomilwe ke phepheng, gona le motho yo o robegileng le ngwana a lela ka selo mompeng. Jaanong, kliniki ya rona mo gae ga ena ditirelo tse dintle gotlhelele,” Bosman wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha La Boitekanelo mo porofenseng, Tebogo Lekgethwane are: “Lefapha le ntse le sa itse ka mathata a balwetsi ba a itemogelang kwa kliniking ya Ganyesa. Fela, kgang e e netswe kantoro ya lefapha ya sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ka bolotsa dipatlisiso. Mme rona jaaka lefapha, re tla emela dipholo tsa dipatlisiso tseo.

“Mo kgannyeng ya tlhokego ya lokwane, kantoro ya kgaolo ke yone e neetsweng maikarabelo a go netefatsa fa go na le generator e e dirang fa gona le tlhokego ya motlakase.”

Lekgethwane are kantoro ya sedika, ke yone e itseng gore mothapiwa wa go tshela lokwane kwa kliniking o newa bokae. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.