
Setshwantsho: Monna oneng a timetse, Otimilwe Michael Mosimane
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la monna oneng a begwa fa a timetse, Otimilwe Michael Mosimane (47), ba re ba mo khutsahalong morago ga go tlhokafala ga gagwe. Go begwa fa Mosimane wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, a ne a timela ka di 3 Ngwanatsele 2023.
Go ya kgaitsedie moswi, Tshoganyetso Mosimane, setopo sa ga Mosimane se seneng se na le dintho tsa go teketiwa, se ne sa bonwa kwa motseng wa Majaneng ka di 5 Ngwanatsele 2023.
‘Go ya ka dipego, go bontsha fa Otimilwe a ne a hapilwe matsogo ka fa morago, mme sefatlhego sa gagwe se ne se rurugile. Gwa bontsa gore one a biditswe, mme one a kgaotswe le kgokgotso. Mo letsatsing la maabane, mapodisi a ile a tla ko go rona gore re ye go supa setopo kwa mmoshareng wa puso wa Vryburg.
“Mapodisi ba kaile fa ba tshotse nako go lemoga gore motho o bongweng kwa Majaneng ke Otimilwe, gonne ba re motho o ba mo boning, e kare ke motho wa letso la Sesotho go ya ka tlhoro e ba e boning kwa lefelong la tiragalo.
“Fela, ke ile ka ba itsise fa Otimilwe le ene a ne a na le tlhoro eo ya Basotho. Jaanong, ba ile ba tsaya mongwe wa legae go ya go netefatsa fa ele ene. Ngwana wa mamogolo wa gagwe, one tsamaya le bone, mme a netefatsa fa moswi e le Otimilwe go ya ka di tattoo sa gagwe,” Tshegonyetso wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, are ke nnete setopo sa ga Otimilwe se bonwe kwa motseng wa Majaneng. Botma are ga jaana, kgetsi ya polao e ile ya bulwa, mme dipatlisiso di tsweletse.
“Re tla netefatsa gore setopo sa moswi se ne se teketilwe, mme re sentse re emetse dipholo tsa morago ga loso. Ga gona yo o tshwerweng mo kgetsing e go fitlha ga jaana,” Botma wa tlhalosa.