
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ga Luyanda Mphandle(5) kwa motseng wa Magogong gaufi le Taung, le kaile fa loso la morwa wa bone le ba utlwisitse botlhoko thata. Seno se tla morago ga gore Luyanda a wele mo forong e e ralalang motse mo letsatsing la Lamatlhatso mo bekeng e fetileng.
Go begwa fa Luyanda ane a tshameka le nngwe ya tsala tsa gagwe fa thoko ga foro, mme a nwela.
Sebueledi sa lelapa, Synett Mphandle yo eleng rremogolo wa moswi are, ba ikuela go puso go ka tla go kampela foro eo, gonne ga se selo sa ntlha se diragala mo motseng wa bone.
“Re kopa gore puso, kgotsa setlamo sa Vaalharts e tle go kampela foro e, gonne e feditse bana ba rona. Foro e yone e ntsha maungo, mme bana ba rona ba fela ka ntlheng ya yone. Go sa nneng jalo, re tla ikokwanya jaaka baagi, mme re tla e tlatsa maje le mmu gonne e iphetotse tau mo matshelo a bana ba rona.
“Rona re utlwile gotwe ngwana wa rona o wetse mo forong, mme re thusitswe ke mapodisi a kwa Hartswater. Go begwa fa ngwana o a wetse mo forong ka ura ya 4 thapama, mme o ile a gogolwa ke metsi. O ile a bonwa ka ura ya bo 11 mo bosigong,” Mphandle wa tlhalosa.
Mphandle are fa puso e sa ba sekegele tsebe, e thape batlhokomedi ba ba tla tlhokomelang foro e.
Kgabagare, mopalamente go tswa kwa lekokong la sepolotiki la Democratic Alliance (DA), Sello Seitlholo one a etela lelapa le. Seitlholo are ba tlile go kwalela komishini ya ditshwanelo tsa botho (South African Human Rights Commission) go ka tla go bolotsa dipatlisiso mabapi le go tlhokafala ga batho ka ntlheng ya foro e.
“Mo ngwageng o fetileng, ke ile ka tswa letsholo mme ka etela motse wa Magogong. O tla gopola gore ke nngwe ya metse e itemogelang tlhokego ya metsi, mme seo se feleletsa se pateletsa baagi goga metsi mo forong e ralalang motse. Go le gantsi metsi ao, baagi ba a dirisa go apaya, go nwa ga mmogo le go tlhatswa diaparo.
“Jaanong, ngwana o mongwe gape o nwetse le go tlhokafala morago ga go wela mo forong. Jaanong, baagi ba buile fa ele dingwaga ba ikuela go puso go ka kampela foro e, gonne bana, bagolo le diphologolo ba wela mo forong e. O tla gopola gore le mo ngwageng e e fetileng, go ile ga nna gape le ngwana o welang mo forong e, mme le ene o ile a tlhokafala,” Setlholo wa tlhalosa.
Kgabagare, mongwe wa baagi, Maggie Klaas are: “Tota, ga re itse gore ke bana ba le ba kae ka palo ba go tshwanetseng ba wele mo metsing pele ga puso e ka tsiboga. Ke kutlo-botlhoko go bona se se direga ngwaga le ngwaga. Bana ba ba latlhegelwang ke matshelo, bagolo ba bone ba ne ba shebeletse go le gontsi go tswa mo go bone.
“Jaaka dipego di tlhalosa, maikarabelo a foro e, ke setlamo sa metsi sa Vaalharts. Maswabi ke gore, batsamaisi kgotsa beng ba setlamo seo ga nke ba be ba etela malapa a latlhegetsweng ka ntlheng ya foro e, kgotsa le go ba tlhapisa matsogo,” Klaas wa tlhalosa.