Monna o a neng a thuntsiwa wa tshela ebile o golotswe kwa bookelong


Setshwantsho: Monna o thuntsitswe gaufi le lebenkele la OK

Ka OBAKENG MAJE

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone o ganeditse magatwe a gore monna o neng a thuntsiwa ka motsi wa fa ba ne ba leka go kgothosa monna mongwe o a sa itsiweng gaufi le lebenkele la OK mono Taung, mo ragile kika. Mokgwabone are magatwe ao gana motheo, mme ebile se se itumedisang ke gore, monna o, o lokolotswe kwa bookelong jwa Taung.

Monna o, one a tlogetswe ka manokonoko morago ga go thuntsiwa mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa banna ba le bane, ba ne ba leka go kgothosa monna mongwe mo toropong ya Taung, fela ba ne ba digangwa ba sa ditlhapelwa fa monna o, a ne a ntsha sethunya.  

Go ya ka mongwe wa bo maratahelele are: “Monna o, one a tswa ntlheng ya Build It fa a ne a kgorogelwa ke banna ba le bane. Banna ba le babedi, ba tlile ba mo setse morago, fa ba bangwe ba le babedi ba ne ba tsamaya fa pele ga gagwe. Banna ba ba neng ba mo setse morago, ba ne ba ikakatlela ka mometso wa gagwe.

“Ba ne ba mo tseela dilwana tsa gagwe tsa botlhokwa jaaka mogala wa letheka le kgetsana e go belaelwang ene e tsentse madi. Fela, monna yo, one a ntsha sethunya, mme a thuntsa mongwe wa banna ba. Go begwa fa monna o thuntsitsweng, one a siela kwa lebenkeleng la OK a phokga-phokga madi.”

Go ya ka maratahelele o, o kaile fa mongwe wa banna ba ba ditsotsi a ne a neela rasethunya o mogala wa gagwe wa letheka le go kopa gore a se mo thuntse. Seo se ne sa diragala morago ga go lemoga gore mong ka ene o mo matsading a sethunya.

Go begwa fa rasethunya o, ane a tsaya sethunya sa gagwe a wela tsela, mme a tlogela monna o a mo thuntshitseng ka manokonoko.

Go begwa fa monna o thuntshitsweng, a ne a rwalelwa kwa bookelong jwa Taung ke embulense.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone are: “Re le sepodisi, re ka netefatsa fa monna oneng a thuntsiwa tshela, ebile a ntshitswe kwa bookelong jwa Taung. Go ile ga diragala botlhatswa jwa gore a kaiwe fa a tlogetse botshelo jo bo ka kwano.

“Fela, seo ene ele phoso, mme e baakantswe.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.