
Setshwantsho: Renke ya ditekesi ya Taung
Ka OBAKENG MAJE
Beng ba ditekesi kwa renkeng ya ditekesi ya Taung, ba tlhotse ba gwantetse kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, le go ikuela go sepodisi go ka lwantsha bosenyi jo bo diragalang kwa renkeng eo. Beng ba ditekesi ba kaile fa renke ya Taung e fetogile sentlhaga sa bosenyi, fela sepodisi ga se dire ka natla go lwantsha bosenyi jo.
Mongwe wa beng ba ditekesi, Mzwakhe Mhlathi o kaile fa renke ya Taung e bodile ka bosenyi, mme ba kopa gore sepodisi se ele tlhoko ntlha eo.
“Re tlile jaana ka selelo sa rona se eleng kgale re se lela ngwaga le ngwaga. Fela, seemo e kare sa etegela mme ke kgale re kopa mo sepodisi gore se tlhokomele renke ya rona ya ditekesi mo Taung. Renke e ya rona e, e bodile mo ebile fa re bua jaana, gona le batho ba le bararo ba ba amogetsweng kwa bookelong.
“Fela, re lobaka re ikuela mo sepodising go ka tla go reba bosenyi jo bo diragalang moo. Maloba, re bone ekare sepodisi se dira sengwe fa ba ne ba boloditse letsema la bone la Operation Shanela, mme ga gwa diragala sepe,” Mhlathi wa tlhalosa.
Mhlathi are se se diragalang ga jaana, ba utlwile mme ba kopa sepodisi gore se eme ka maoto pele ga ba itseela molao mo matsogong. Mhlathi are ba bua, mme ga gona sepe se se diragalang.
“Gona le segongwana sa disenyi tse di kgothosang bagolo madi ga mmogo le dilwana tsa bone, mme ba ye go di rekisa. Fa ba fetsa go tsaya dilwana tseo, ba di rekisa ka tlhwatlhwa e kwa tlase. Re kopa sepodisi gore se eme ka maoto.
“Kar emaloba, ba utswile le beibele ga mmogo le buka ya kopamelo ka mokgwa o ba senang ditlhong ka teng,” Mhlathi wa tlhalosa.
Kgabagare, kemedi ya sepodisi, Sarasanta Kgalalelo Ntlolokwane yo o dirang mo karolong ya ntwantsho ya bosenyi kwa seteisheng sa sepodisi sa Taung are, ke nnete gore gona le digongwana tsa disenyi tse di tlholang di tsweletsa bosenyi kwa renkeng ya Taung, fela jaaka sepodisi, ba lwa kgatlhanong le digongwana tseo.
“Re leboga Modimo fa re bona beng ba ditekesi ba eme ka maoto go lwantsha bosinyi jo bo diragalang kwa renkeng ya ditekesi mono Taung. Re lobaka re bua ka bosenyi jo bo diragalang mo renkeng moo, mme go sena kemo-nokeng e re e bonang go tswa go beng ba ditekesi.
“Tota ebile kgale re nagana gore beng ba ditekesi ba rata go bona bosenyi jo bo direga. Fela, gompieno re bone gore le eme ka maoto. Malobanyana fa, rene re lelekisa mosimanyana a utswitse mo sejanaga sengwe. Fela, one a siela mo renkeng ya ditekesi fa re mo lelekisa, mme bangwe ba borra ditekesi, ba ne ba mo sheba fela jaana,” Ntlolokwane wa tlhalosa.
Ntlolokwane are, go tshamikiwa ditaese le basha ba tshwarela “Feel Up the Rank”, mme bangwe ba beng ba ditekesi ba didimetse fela. Ntlolokwane are ga ba na tshegetso ya beng ba ditekesi, gonne bangwe ba ba kgweetsi ba dirisana ga mmogo le digongwana tse.
“Re lapile ke dilo tsotlhe tse di maswe tse di diragalang mo renkeng ya Taung. Renke ya Taung ke lefelo la bosinyi, ebile ke tlhoba boroko mo Taung. Maloba ka Lamatlhatso, re tshwere dijanaga di le pedi di na le diritibatsi mo teng, mme batho bao ba ja ga mmogo le beng ba ditekesi.
“Jaanong, re tshwanetse go dirisana mmogo go lwantsha bosenyi jo. Jaaka sepodisi, re feleletsa re nna le manaba ebile re shupiwa ka menwana fa re dira tiro ya rona, gonne tshegetso ya beng ba ditekesi ga eo,” Ntlolokwane wa tlhalosa.
Ntlolokwane are mapodisi a fetoga setshegisa mo baaging fa ba dira tiro ya bone, gonne bangwe ba beng ba ditekesi ba tsibosa digongwana tse fa ba boloditse matsholo a ntwa kgatlhanong le bosenyi.


