
Ka OBAKENG MAJE
Lelapa la ga Otimilwe Michael Mosimane yo o tlwaelegileng ka leina la Sergeant, lare le mo kakabalong, morago ga go timela gagwe. Lelapa le kaile fa Mosimane a timetse ka di 3 Ngwanatsele 2023, mme ga se nke ba mo bone gape.
Go ya ka mongwe wa lelapa o sa batleng leina la gagwe le itsiwe ka ntlheng ya go tshaba go tlhaselwa, are Mosimane o ne a amogela mogala go tswa go mongwe, mme morago o ne a ba laela fa a ya go kopana le ene.

“One a tswa ka sejanaga sa gagwe sa modiro wa Nissan NP 200, mme ene ele labofelo re mo bona. Mme morago ga matsatsi, rene ra bolotsa letsholo-patlo, le go etela kwa dikgolegelong, maokelong ga mmogo le di mmoshara, fela ga gwa nna le nko e tswang lemina. Mongwe wa ba lelapa, one a bona sejanaga sa ga Sergeant go lo gongwe kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung mme one a re itsise.
“Ba lelapa ba ne ba thologela kwa ntlung eo, mme monna mongwe one a kaela ba lelapa fa a ne a adimilwe sejanaga seo ke monna mongwe wa kwa nageng ya Lesotho. O ne a tlhalosa fa a ntse a tsentse mophato, mme kgale a dirisa sejanaga seo go dira ditiro tsa mophato,” mongwe wa lelapa wa tlhalosa.
Are ba ne ba letsetsa monna wa kwa nageng ya Lesotho, mme ba mo kopa ditlhaloso gore o tsaya kae sejanaga sa ga Mosimane. Mongwe o wa lelapa, one a tlhalosa fa ba ne ba kopana le monna wa kwa nageng ya Lesotho fa a ne a tswa lebenkeleng, fela o ne a ba kopa gore a ye go baya dilwana tsa gagwe pele a tla go kopana le bone.
“Monna o wa kwa nageng ya Lesotho, o ne a lebotsa phokoje, mme re ne ra itlhoboga le go boela gae. Rene ra boela kwa monneng o neng sejanaga se le kwa go ene kala ntlhaneng mo letsatsing le le latelang, fela one a re tlhalosetsa fa monna wa kwa nageng ya Lesotho a tshotse sejanaga seo.
“Rene ra letsetsa monna wa kwa nageng ya Lesotho go mo botsa gore o kae, fela one a tlhalosa fa a sa tlhole a na le kgatlhego ya go kopana le rona jaaka lelapa. Re ne ra ya kwa sepodising go ya go kopa thuso, mme le go fitlha ga jaana ga gona sepe se se dirilweng,” mongwe o wa lelapa wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone are: “Ke nnete sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go timela ga motho, mme kgetsi ene ya bulwa ke mogolowe Mosimane. Ke nnete gore sejanaga sa ga Mosimane sene sa bonwa kwa ntlung nngwe kwa motseng wa Magogong, mme mongwe wa ntlo eo, yo eleng lepodisi kwa porofenseng ya Northern Cape, one a bolelela sepodisi fa a ne a adimilwe sejanaga seo ke monna mongwe wa kwa nageng ya Lesotho.
“Fela, sepodisi sene sa fitlhela fa sejanaga seo se seo, mme monna o wa lepodisi o ne a tlhalosa fa monna wa kwa nageng ya Lesotho a se tshotse. Go fitlha ga jaana, sejanaga seo ga ise se bonwe, mme dipatlisiso di tsweletse.”
taungdailynews@gmail.com