Sejanaga sa modiro wa Polo se seneng se utswitswe kwa Rooiwal se bonwe kwa Maphoitsile


Setshwantsho: Sejanaga sa modiro wa Polo se bonwe kwa Maphoitsile/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Koloi ya modiro wa polo e eneng ya begwa fa e utswitswe kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi fa masigo asa, e bonwe kwa sekgweng kwa Maphoitsile. Go begwa fa mong wa yone, Bonolo Motsamai, a ne a tswa kwa maitisong, mme one a ema mo tseleng go ka tshosa magotlo.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, go begwa fa e ne ya re Motsamai a ntse a tshosa magotlo, one a utlwa fela ka go bopa ga koloi, mme le lerole la teng le beta mokoduo gore ile Polo.

“One a go bula kgetsi ya bogodu jwa sejanaga kwa sepodising, mme koloi eo ene ya bonwa ke mapodisi ba ba rebang bosinyi mo Taung mo letsatsing la gompieno.

“Koloi eo, ene ya bonwa e tlogetswe kwa sekgweng, mme ba sepodisi ba sentse ba le mo motlhaleng wa magotswana ao. Fela go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse,”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.