
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ga Mokgosi kwa motseng wa Magogong , gaufi le Taung ba kaile fa loso la ga Kebontshitswe Ruth Mokgosi (63) le ba tlogetse ba utlwile botlhoko. Sebueledi sa lelapa, Olebogeng Moshwene are, Mokgosi o ne a leba kwa nageng ka di 17 Ferikgong 2024 go ya go rwalela.
Moshwene are fela ba ile ba makadiwa ke go sa boele gae ga Mokgosi.
“Bangwe ba leloko la lelapa ba ne ba nagana fa a ile kwa lekaung la gagwe. Fela, ba ile ba makala fa lekau la gagwe le lone le kaile fa Mokgosi a seo ko go ene. Baagi ba ile ba bolotsa letsholo la go batlana le Mokgosi.
“Ba ile ba bona ngatana ya dikgong ga mmogo le tlhoro e a ne a e rwele gaufi le yone. Fela, Mokgosi one a seo foo. Ene ya re go tsenelela kwa boteng jwa sekgwa, ba ile ba utlwa fela ka dintshi gore gona le sengwe se se senyegileng. Ba ne ba fitlhela setopo sa ga Mokgosi se seneng se sa apara ka bontlha bongwe, mme sena le dintho tsa go tlhabiwa,” Moshwene wa tlhalosa.
Kgabagare, sepodisi sa Taung se kaile fa se batlisisa kgetsi ya polao. Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen are setopo sa ga Mokgosi se ne sa bonwa ke mongwe wa lelapa kwa nageng, mme sene sena le dintho tsa go tlhabiwa.
“Go begwa fa Mokgosi a ile a betelelwa pele ga a ka bolaiwa. One a kaiwa fa a latlhegile ka di 17 Ferikgong 2024. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jana, fela dipatlisiso di tsweletse. Moswi ga ka a begwa fa a nyeletse ka di 17 Ferikgong 2024,” van Rooyen wa tlhalosa.
taungdailynews@gmail.com