
Ka OBAKENG MAJE
Mosimanyana wa dingwaga di le 11 o mo tlase ga tlhokomelo ya sepodisi morago ga ma gatwe a gore o beteletse le go bolaya ngwana wa mosetsanyana wa dikgwedi di le 11 kwa Botsalano Section, kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa mo letsatsing la Labone.
Go begwa fa motsadi wa lesea leo, a ne a le tlogela mo tlase ga tlhokomelo ya tsala ya gagwe.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirma, Col Adele Myburgh are, fela ene ya re ka ura ya borobedi bosigo gone ka Labone, mosimanyana wa moagisane wa dingwaga di le 11, one a kokotha kwa lesea le tlogetsweng gone, mme a tlhalosa fa mosadimogolo wa lesea, a mo romile gore a tle go tsaya lesea leo.
Myburgh are, tsala ya mmagwe lesea, one a neela mosimanyana o lesea leo.
“Ka maswabi, lesea leo le ne la bonwa mo mosong wa Labotlhano kwa jarateng ya tsala ya ga mmagwe le tlhokafetse. Go begwa fa lesea leo, le ne le na le dintho mo tlhogong, ga mmogo le mo mmeleng.
“Ba ditirelo tsa tshoganyetso ba ne ba bidiwa, mme ba netefatsa fa lesea leo le tlhokafetse. Ba ne ba kaya fa letlhokafaletse kwa lefelong la tiragalo. Go fitlha ga jaana, mosimanyana o o mo tlase ga tlhokomelo ya sepodisi, mme o tla tlhatlhobiwa ke modiredi-loago,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are, go tla dirisiwa molao wa the Child Justice Act, 2008 (Act No. 75 of 2008) kgatlhanong le mosimanyana o. Are diteko tsa morago ga loso di tla dirwa.
“Re kopa mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso gore go diragetseng mo kganyeng e, a tlhagelela kwa pele. Mongwe le mongwe o a nang le tshedimosetso, a ka letsetsa mmatlisise wa sepodisi mo kgetsing e, Investigating Officer, Sergeant Neo Boitse mo dinomorong tsa 066 154 9891, kgotsa a itelekele kwa seteisheng sa sepodisi se se gaufi,” Myburgh wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant General, Sello Kwena o kgadile tiragalo e ka bogale, mme o ikuela go baagi go letla sepodisi se dire dipatlisiso tsa bone ntle le matshosetsi.