Batsadi ba batla baithuti ba Grade 11 kwa Mankuroane Technical School ba ba sa falolang, ba fitisetswe go Grade 12


Ka OBAKENG MAJE

Batsadi ba baithuti ba Grade 11 kwa sekolong se segolo sa Mankuroane ba eme ka tlhako ele nngwe, mme ba kaile fa ba sa amogele dipholo tsa bana ba bone. Go ya ka dipego, bontsi jwa baithuti ba Grade 11 kwa sekolong seo, ga ba falola mme seo sene sa tshakgatsa batsadi.

Mo letsatsing la Labobedi, batsadi ba ne ba kokwana kwa sekolong le go ipelaetsa. Ba kaile fa gona le dikgogakgogano ma gareng ga barutabana le mokgogo, jaanong barutabana ba dirisa baithuti go lwantsha mogokgo.

Mongwe wa batsadi o sa batleng leina la gagwe le itsiwe, o kgwa ka tlhaa.

“Nna, ngwanake o paletswe ke go fetela kwa mophatong wa marematlou, mme matsapa e nnile serutwa sa English. Ke makadiwa ke gore, go tloga ka se seripa (term) sa ntlha go fitlha ka sa boraro, ngwanake kgale a falola. Jaanong, go tla jang gore a tle go palelwa ka seripa sa bone?

“Ene ya re fa go bulwa dikolo ka seripa sa bobedi, go ile ga nna le tsereganyo. Mo tsereganyong eo, re le batsadi re ne ra kopa go nna le kopano le barutabana ba dirutwa tse di nang le mathata. Fela, go ile ga tla barutabana ba le babedi fela go tswa mo go ba le supa,” motsadi wa tlhalosa.

Motsadi o are, baithuti le bone ba ile ba makadiwa ke dipholo tse ba di boneng. Are ga gona gore ngwana e kare a kwadile dipampiri tse tharo tsa serutwa sa English, a be a tla go palelwa ke go falola.

Motsadi o mongwe, Tshepiso Kobetseng are mo ngwageng o fetileng, ba ile ba kopana le mogokgo ka di 13 Sedimonthole. Kobetseng are baithuti ba, go bontsha fa ba paletswe ke go falola ka bontsi. 

“Jaanong, re ne ra dumalana gore re tla nna le kopano ka di 16 Ferikgone 2024, go tla go seka-seka kgang e. Sebakwa segolo ene ele morutabana wa serutwa sa English o kgale a seo. Fela, re makaditswe ke gore gompieno fa re goroga, mogokgo ga tlhole a bua puo e re ne re dumalane ka yone, mme ebile are re ye kwa motsamaising wa kgaolo. 

“Re ile ra kopa ditlankana tsa baithuti go netefatsa fa ele boamaruri ga ba falola. Fela mogokgo o ile a re bolelela fa gona le molao o ba kganelang go ka dira jalo. Jaanong, seo se ne sa re tlogela ka dipotso tse di senang di karabo,” Kobetseng wa tlhalosa. 

Modula-setilo wa lekgotlha-tsamaiso la sekolo, Tshepiso Matsitle are: “Ga ese ke itemogele go sa utlwane ga barutabana le mogokgo. Le kgang ya gore barutabana ba goga maoto fa go tshwanetse ba rute bana, e ntsha mo ditsebeng tsaka.

“Fela fa ele gore kgang eo ena le bo nnete, ke selo se se maswe gore barutabana ba goge maoto, ka ntlheng ya gore ba lwa le mogokgo. Se se ileng sa nna teng mo sekolong ke ka motsi wa tsereganyo e eneng e kopilwe ke sekolo.”

Matsitle are ka maswabi, barutubana ga ba iponatsa ka nako ya tsereganyo. Are ke barutabana ba le babedi fela ba ba iponagaditseng go tswa mo go ba le supa.

“Jaanong, go fitlha ga jaana ga re itse gore a ngwana ke ene a leng phoso, kgotsa ke morutabana. Ke nnete lekwalo ke le bone, mme re tlile go le neela motsamaisi wa kgaolo go ka tla ka tsiriganyo,” Matsitle wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto, Mphata Molokwane are Grade 11 ke Grade e e boima go gaisa mo dikolong tse di farologaneng.

“Bontsi jwa baithuti ga ba falola Technical Mathematics, mme ke diprecent di le 44 di le tsa falola. Ka 2019, e nnile di precent dile 85 tsa baithuti ba ba falotseng, mme ka 2020, e nnile diprecent dile 87. Ka 2021, go falotse diprecent dile 85, fa ka 2022 go falotse diprecent dile 94.

“Go ya ka dipalopalo, sekolo se ke se se dirang bontle, mme ga se re utlwe ka dikgoga-kgogano tse di umakilweng magareng ga mogokgo le barutabana,” Molokwane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.