
Setshwantsho: Batsadi ga mmogo le lekgotlha-tsamaiso la sekolo ba tlhagola
Ka OBAKENG MAJE
Lekgotlha-tsamaiso la sekolo se se potlana sa St Paul’s kwa motseng wan Nhole, mono Taung ba kaile fa ba itumeletse thologelo e ba e boneng go tswa go batsadi mo letsatsing la gompieno. Batsadi, botsamaisi jwa sekolo, ga mmogo le maloko a lekgotlha-tsamaiso la sekolo ba tlhotse ba tsenetse letsema la go phephafatsa sekolo mo letsatsing la gompieno (15 Ferikgong 2024).
Modulasetilo wa lekgotlha-tsamaiso la sekolo, Otlotleng Monnawabokone are, ba ile ba rulaganya letsema le, mme maitlhomo a lone ene ele go ka tla go tlhagola ga mmogo le go phephafatsa sekolo pele ga dikolo di bulwa ka Laboraro.
“Ka gore ngwana ke sejo wa tlhakanelwa, re ile ra bona fa go le matshwanedi go ka rulaganya letsema le, mme lone le tlile go re thusa thata. Jaanong, baithuti ba tlile go tlhomela mogopolo wa bone mo dithutong tsa bone, ntle le go kgorelediwa ke maemo a sa jeseng diwelang, a lefelo le ba ithutelang mo go lone.
“Jaanong, re itumeletse thologelo e re e boneng go tswa mo batsadi, mme re lebogile thata. Se re se bonang mo sekolong sa rona ke bontle, gonne gwa bontsha gore motsadi mongwe le mongwe o eme ka maoto fa go tliwa mo thutong ya bana ba bone,” Monnawabokone wa tlhalosa.
Monnawabokone are sekolo sa bone se tshimolola ka Grade R go fitlha go Grade 7.
Tlhogo ya lekala la tsamaiso (Head of Department for Foundation Phase), Beauty Phukuile are: “Gompieno, re ne re dirile letsema la go phephafatsa. Re ne re biditse batsadi ba baithuti go tla go nna karolo ya phephafatso eno ya sekolo. Se se tla re thusa gore fa dikolo dibulwa ka Laboraro, re be re tswelela ka dithuto, mme re sa kgorelediwe ke sepe.
“Re itumeletse karolo e tshamikilweng ke batsadi, le tirisano mmogo e ntle e re e bone. Re leboga le lekgotlha-taolo la sekolo ka go rotlowetsa batsadi. Fa o tla lebelela, re tsweletse ka go thebetha, mme motsadi mongwe le mongwe o tseile karolo. Re ne re tlhagola legora la rona la sekolo, gape re phephafatsa.”
Phukuile are batsadi botlhe ba ba sa kgonang go nna karolo ya letsema la gompieno, ba ka ikgorotsa ka makatla-a-namane mo letsatsing la kamoso.
Kgabagare, moemedi go tswa kwa kerekeng ya Catholic, Batshidi Bantobetse are ba lebogetse tshegetso e sekolo se e boneng go tswa mo batsading.