Balwetsi ba re kgang ya go duedisiwa kwa bookelong kwa Taung ga e tle go fela monate


OBAKENG MAJE

Bontsi jwa baagi mono Taung, ba kaile fa ba kgakgamaditswe ke go batliwa madi fa ba tsena kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fa ba ne ba ile go bona kalafi. Baagi bano, ba kaile fa ba ntse ba itse fa bookelo jwa puso ele mahala, mme balwetsi ba sa lefisiwe sepe.

Fela, mongwe wa balwetsi ba ba neng ba etetse bookelo mo matsatsing a fetileng are, se se diragalang kwa bookelong ke go ja batho ntsoma.

Molwetsi (46) o sa batleng go itsiwe are, se se diragalang kwa bookelong jwa Taung ke matlhabisa ditlhong.

ā€œPuso e itse sentle fela gore bontsi jwa rona re le baagi ga re dire. Jaanong, fa ba simolola go batla madi mo balwetsing, ba dira kgang ka bomo. Ga ke dire, mme ke ile ka makala thata fa ke bolelelwa gore ke ntshe R150.

ā€œLe gone mo godimo ga moo, baoki ba ba re thusang ga bana botho. Ga nkake ba be ba tlhalosetsa motho sentle fela gore ditirelo di a duelelwa. Ga nkitla re kgona re le baagi go duelela ditirelo kwa bookelong, gonne re sena letseno. Jaanong re ikuela mo pusong go ka baakanya bothata jo, gonne e kgang ga e tle go fela monate,ā€ wa tlhalosa.

Molwetsi o mongwe le ene are, o ne a tshimolola go utowa gotwe ditirelo di a duelelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung. Molwetsi o are, o lobaka a ntse a tsamaya kwa bookelong jo, mme gore go a patelwa, go go ntsha mo go ene.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha La Pholo mono Bokone Bophirima, Tebogo Lekgethwane are: ā€œMadi a go buiwang ka one ao ke consultation fee. Ke karolo ya madi a lefiwang ke balwetsi (patient fee/ hospital fee). Madi a, ke a netefaditsweng bosetshaba, fela re na le lenaneo la dilo tse di duelwang. Jaanong, re ka rata go itsise baagi ba rona gore, madi a lefiwang ke balwetsi kgotsa patient fee, a duelwa go ya ka letseno le molwetsi a le bonang.

ā€œGo ya ka lenaneo la rona, gona le balwetsi ba ba duelang madi a kwa tlase, go bo go nna le balwetsi ba ba duelang a kwa godingwana, mme go bo go nna le balwetsi ba ba sa lefeng le sente e ntsho, gonne ba sena letseno. Jaanong, re rotlowetsa balwetsi ba rona gore fa ba fitlha kwa maokelong a farologaneng a rona a puso, ba tshwanelwa ke go netefadiwa fa ba na le letseno kgotsa nnyaa.

ā€œMaswabi ke gore bontsi jwa batho ba neelana ka kitsiso e fosagetseng. Balwetsi ba ba senang letseno, ba tshwanetse ba itsise dingaka, kgotsa baoki ka seemo sa bone. Fela, ga gona ope o tshwanetsweng ke go thibelwa go amogela ditirelo tsa pholo go sa kgathalasege gore a o na le letseno kana nnyaa. Bontsi jwa ditirelo tsa rona ke mahala.ā€

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.