
Setshwantsho: Lebenkele le le rekisang uniform ya sekolo
Ka REGINALD KANYANE
Bontsi jwa batsadi ba re ba tshwenyegile thata ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa diaparo (uniform) tsa sekolo go ralala naga ya Afrika Borwa. Go ya ka dipego, dikolo di le dintsi mo nageng, ditsweletse go rekisa diaparo tsa sekolo ka tlhwatlhwa e kwa godimo, mme seo se feleletse se itsa bana ba bangwe go ka tsena dikolo tse ba di ratang.
Go ya ka mokwaledi kakaretso wa makgotlha-tsamaiso a dikolo mo Afrika Borwa, Matakane Matakane one a buisana le Motsweding FM, are gona le dikolo dingwe tse di pateletsang batsadi go reka diaparo tsa sekolo kwa mafelong a rileng. Fela, Matakane are seo e tlile go nna selo sa maloba, gonne morero o, o batlisisiwa ke ba Competition Commission.
“Ke kgale re bua ka ntlha e ya gore batsadi ba se tlhole ba pateletswa go reka uniform ya sekolo kwa mafelong a rileng. Jaanaong, batsadi ba tshwanetse go itse gore ba letleletswe go reka uniform ya sekolo kwa ba ratang teng.
“Ke fela gore diphetogo di na le matsapa, mme gona le dikolo tse di sa batleng go fetoga. Ke nako ya kgololosego, mme dilo di fetogile. Kgotlha-tsamaiso ya dikolo ena le molao o eleng karolo ya South African School Act gore, barekisi ba di uniform ga ba tshwanela go nna le konteraka e e fetang seelo sa bone,” Matakane wa tlhalosa.
Matakane are, gape ba itemogetse gore gona le dikonteraka tse di bidiwang Evergreen tse di neetsweng barekisi ba di uniform. Matakane are batsadi ba tla be ba laelwa gore ba ye go reka uniform kwa lefelong le le rileng.
“Fela, maitemogelo a rona ke gore, gona le moungwelwa mogolo mo thefosanong eo. Jaanonng, kgang eo ga re dumalane le yone ebile ga e mo molaong. Seo se gataka ditshwanelo tsa baithuti, mme re ke re buisane le ba lekgotlha-tsamaiso ba sekolo go baakanya seo.
“Fela fa go sena diphetogo, re leba kwa Competition Commission go ba begela gore ba bolotse dipatlisiso, le go tsaya dikgato kgatlhanong le sekolo seo. Ga ke bone gore maloko a lekgotlha-tsamaiso a sekolo a ka amega mo botsukunapeng jo, gonne go le gantsi batho ba ba bonang pipa-molomo ke barutabana kgotsa bagokgo ba dikolo,” Matakane wa tlhalosa.
Kgabagare, setheo sa Moral Regeneration Movement (MRM) mo Bokone Bophirima, se ikuela go makgotlha-tsamaiso a dikolo go emisa ka go reka di uniform tsa sekolo kwa mafelong a tlhwatlhwa godimo. Mogokaganyi wa MRM mo Bokone Bophirima, moruti Lesiba Kgwele wa tlhalosa.
“Go le gantsi, di uniform tse di rekisiwang ka madi a kwa godimo di feleletsa di ama matshelo a baithuti ba ba dikobo dikhutshane. Le fa re amogela dipatlisiso tse di boloditsweng ke ba Competition Commission, re maswabi go bona dikolo di le dintsi di sentse di tswelela ka go ikamanya le barekisi ba di uniform ba ba rekisang ka tlhwatlhwa e kwa godimo.
“Go le gantsi, dikolo di nna le tumalano e eseng mo molaong le barekisi ba di uniform, mme ba pateletse batsadi go reka fela kwa go bone. Re ikuela gore botlhe ba ba tsweleditseng botsukunape jo, ba sekisiwe le go atlholwa fa ba ka bonwa molato,” Kgwele wa tlhalosa.