Baagi ba ikuela go sepodisi go ka tshwarwa banna ba ba tsweleditseng bosenyi mo Taung


Sesthwantso: Bann aba le bane ba ba latofadiwang ka go tsweletsa bosenyi mo Taung

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba kwa Taung Central le metse e mabapi ba kaile fa ba tshelela mo letshogong ka ntlheng ya bosenyi jo bo ileng magoletsa. Ba kaile fa gona le setlhotswana sa disenyi tse di tsweleditseng bosenyi mo karolong ya bone, fela sepodisi se itshetse moriti o tsididi ka ntlha eno.

Mongwe wa setlhopha sa baagi se se lwang kgatlhanong le bosenyi, mme a sa batle go itsiwe are, batshwere banna ba le babedi ba eleng karolo ya segongwa sa bosenyi. Are banna bao ba ile ba ipobola le go supa kwa ba beileng dilwana tse di utswitsweng teng, ga mmogo le dithunya tse ba di dirisang fa ba tsweletsa bosenyi.

Are, ba ne ba tsaya banna bao ka bobedi, mme ba leba le bone kwa seteisheng sa sepodisi kwa Taung. Monna o are, go dikgetsi di le dintsi tse di diragetseng, jaaka go kgothosa o tlhometse, go thubelwa mo matlung le go kgothosa dikgwebo tse di farologaneng.

“Kgale re batlana le babelaelwa ba morago ga gore ke amogele pego ya gore bana le seabe mo dikgothosong tse dintsi tse kgale di diragala mo motseng wa rona. Jaanong, re ile ra kgona go tshwara babelaelwa ba le babedi mo go ba le bane ba kgale re ba batla.

“Re ile ra kopa tshedimosetso mo go bone ntle le ntwa, mme ka tirisano-mmogo ya bone, ba ile ba tlhalosa se ba se itseng. Re ile ra tsamaya le bone go leba kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, mme re ile ra fitlha ra ba neela sepodisi,” monna o wa tlhalosa.

Are ba ile ba tsena kwa seteisheneng sa mapodisi sa Taung metsotso morago ga bosigo-gare, mme ba tlhalosetsa mapodisi ka tiragalo e. Are ba tlhaloseditse mapodisi ba baneng ba le mo tirong ka se babelaelwa ba se ba boleletseng.

“Re ne ra ba kaela gore babelaelwa ba tlhalositse gore dilo tse kgale ba di utswa di beilwe kae, ga mmogo le dithunya tse kgale di dirisiwa mo dikgothosong tse di farologaneng. Fela, sebe sa phiri ke gore, sepodisi sa rona ga sa nna le tirisano mmogo. Ba ile ba tsamaya le babelaelwa go ya go puruputsha ntlo eo ntle le mongwe wa rona.

“Jaanong, re maketse gape fa re bona baelaelwa bao ba sasanka le mebila ya rona. Fela, ga re itse gore go diragetse ka kgetsi ya bone. Sepodisi ga sa re letsetsa, ebile mongwe wa badiri ka rona, o ile a letsetsa motsamaisi wa seteisheneng a mo botsa ka kgetsi e, fela gatwe o kaile fa ene a sa itse sepe ka yone,” monna o wa tlhalosa.

Are ba na le pelaelo ya gore sepodisi ga se tswe go puruputsha ntlo eo ba belaelwa ba ne ba e shupile. Are se ba se itseng ke gore, mong wa ntlo eo, o rekisa diritibatsi mme ga se ga ntsi a tshwarwa.

“Jaanong re maswabi go bona sepodisi se sa dirisane sentle le baagi, mme re tlile go itseela molao mo matsogong. Fa sepodisi se sa batle go dirisana le rona go ka reba bosenyi, re tlile go ka lwa le bosenyi ntle le thuso ya bone, mme kamoso ba seka ba ba ba tsoga ba re supa ka monwana,” monna wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone are: “Re ka netefatsa gore babelaelwa ba ile ba tshwarwelwa kgetsi ya kgothoso (common robbery), mme dipatlisiso di tsweletse.

“Babelaelwa ba ile ba tlisiwa ke bangwe ba baagi ba ba lwantshang bosenyi. Tirisano mmogo ya rona le baagi ke e e edileng, mme re tla itumelela go tswelela jalo re dirisana mmogo.”

taungdailynews@gmail.com

Two Lesotho nationals who were arrested for unlawful possession of firearms remanded in custody


By OBAKENG MAJE

Two men who were arrested for unlawful possession of firearms and ammunition were remanded in custody. Tshotleko Ranko (24) and Thabo Mothai (22) briefly appeared before the Orkney Magistrate’s Court on 8 January 2024 following their arrests.

The North West police spokesperson, Brig Sabata Mokgwabone said the duo was arrested by the members of Stilfontein Public Order Police (POP) in Kanana Township, near Orkney on Saturday. Mokgwabone said the police were on patrol when they spotted two men sitting in a car.

“The pair got out of the car immediately when the police advanced. One of them, allegedly put a firearm on the roof of the car, but was arrested whist trying to run away. Although the other ran away, his freedom was short-lived following his arrest.

“The police searched him and found a firearm and ammunition in his possession. Both men were placed under arrest. The accused persons who are both Lesotho nationals, were remanded in custody until 18 January 2024 for bail application,” he said.

Meanwhile, the North West Police Commissioner, Lieutenant General Sello Kwena, applauded the police for their attentiveness, which led to the confiscation of the firearms that are used to commit serious and violent crimes.

taungdailynews@gmail.com