Lekawana le leneng le batla go ipolaya le pholositswe


Setshwantsho: Monna o leka go itseela botshelo

Ka OBAKENG MAJE

Mona wa dingwaga dile 27 yo a neng a re o tsaya botshelo jwa gagwe kwa motseng wa Dikgweng, gaufi le Mothibistad mo letsatsing la Mosopulogo o pholositswe ke sepodisi. Go begwa fa monna o, a ne a kaya fa a lapisitswe ke botshelo, mme o ne a go palama madutelo a metsi kwa godimo-dimo le go tshosetsa ka go itatlhela hatshe.

Go ya Ka sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Mokaptein Nomvuyo Makoloi, ba lephata la sepodisi ba ne ba itsisiwe ka tiragalo e, mme ba tabogela kwa lefelong la tiragalo. Makoloi are, Warrant Officer, Pulane Monchonyane yo o rupeletsweng ka tsa dipuisano tsa go ipolaya (Suicide Negotiator) go tswa kwa seteisheneng sa sepodisi sa kwa Seven kwa Kuruman, one a betsegela kwa lefelong la tiragalo, gonne o ne a le mo Mothibistad.

“Monchonyane one a buisana le lekawana le ka katlego gore le se tseye botshelo jwa lone. Monna o, one a fologa kwa godimo ga madutelo a metsi, mme a phologa loso,” Makoloi wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mo sedikeng sa John Taolo Gaetsewe, Johnny Besnaar one a akgola mapodisi a kwa seteisheneng sa Mothibistad le Monchonyane ka tiro e manontlhotlho e ba e dirileng ya go boloka botshelo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.