Dinku di le pedi di fitlhetswe di tlhabilwe mo mokhukhung kwa Reivilo


Setshwantsho: Nngwe ya dinku tse di fitlhetsweng mo mokhukhung

Ka OBAKENG MAJE

Mapodisi a kwa Reivilo a batlisisa kgetsi ya go utswiwa ga dinku di le pedi. Go begwa fa dinku di le pedi di ne tsa utswiwa kwa polaseng e gaufi mo letsatsing la Tshipi.

Go ya a sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Oficer Tryphosa van Rooyen, mong wa dinku tseo, o ne a lemoga fa dinku di le pedi dinyeletse mo letsomaneng la gagwe, mme a sala motlhala morago.

“Go begwa fa molemi-rui o, ane a sala motlhala morago go fitlha kwa mokhukhung mongwe. Fela, go begwa fa baagi bangwe ba ne ba mo kganela go tsena mo mokhukhung o.

“Sepodisi se ne sa bidiwa, mme sene sa fitlha sa bula mokhukhu o. Go ya ka dipego, mapodisi a ne a fitlhela dinku di le pedi ditlhabilwe ko teng ga mokhukhu o. Mong wa mokhukhu o ne a tlhalosa fa a sa itse sepe ka tiragalo e, ebile o ne a kaela mapodisi fa go sa dule ope mo mokhukhing wa gagwe,” Van Rooyen wa tlhalosa.

Van Rooyen are Ga go a ope o tshwerweng mabapi le tiragalo e, fela dipatlisiso tsa go utswa leruo ditsweletse.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.