

Setshwantsho: Remofilwe Abigail le Kamogelo Shuping/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Basetsanyana ba babedi, Remofilwe (14) le Kamogelo Shuping (17) ba ba ne go begwa fa ba timetse ba kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung ba bonwe. Mmagwe Remofilwe Abigail Shuping, eleng Mauw Rover kwa mafaratlhatlheng a boitapoloso, one a kopa go batlisiwa basetsanyana bao.
Go begwa fa Remofilwe le Kamogelo ba ne ba tsamaya mo letsatsing la Lamatlhatso thapama, mme ba se boele gae. Fela sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o boleletse ba dikgang tsa Taung DailyNews gore basetsanyana bao ba bonwe kwa legaeng la mosadimogolo wa bone.
